-
Duteronome 3:16, 17Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
-
-
16 Mme Barubene le Bagada+ bone ke ba abetse go tswa kwa Gileade go ya kwa Mokgatšheng* wa Arenone, karolo e e fa gare ya mokgatšha e le molelwane wa bone, go ya go fitlha kwa Jaboke, mokgatšha o e leng molelwane wa Baamone, 17 le Araba le Joredane le lotshitshi lwa yone, go simologa kwa Kinerethe go ya kwa Lewatleng la Araba, e leng Lewatle la Letswai,* kwa tlase ga mekgokolosa ya Pisega go ela kwa ntlheng ya botlhaba.+
-
-
Joshua 11:1, 2Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
-
-
11 Fela fa Jabine kgosi ya Hasore a utlwela ka gone, o ne a romela molaetsa kwa go Jobabe kgosi ya Madona,+ le kwa kgosing ya Shimerone, kwa kgosing ya Akeshafe,+ 2 kwa dikgosing tse di neng di le kwa bokone mo kgaolong e e dithaba, tse di neng di le kwa mabaleng* a a kwa borwa jwa Kinerethe, tse di neng di le kwa Shefela le mo mekgokoloseng ya Dora+ kwa bophirima,
-
-
Johane 6:1Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
-
-
6 Morago ga moo, Jesu o ne a tsamaya ka mokoro mme a ya ka kwa letlhakoreng le lengwe la lewatle la Galalea, kgotsa Tiberia.+
-