LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • Joshua 20:2, 3
    Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
    • 2 “Bolelela Baiseraele o re, ‘Itlhopheleng metse ya botshabelo+ e ke neng ka lo bolelela ka yone ka Moshe, 3 gore mmolai yo o bolayang mongwe e se ka boomo kgotsa e le ka phoso* a tshabele teng. Mme e tla nna e lo tshabelang mmusolosi wa madi kwa go yone.+

  • Joshua 20:7, 8
    Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
    • 7 Ka jalo, ba ne ba abela Modimo metse eno gore e nne metse ya botshabelo: motse wa Kedeshe+ kwa Galalea mo kgaolong e e dithaba ya ga Nafetali, Shekema+ mo kgaolong e e dithaba ya Eferaime le Kiriathe-areba,+ e leng Heberone, mo kgaolong e e dithaba ya ga Juda. 8 Mo kgaolong ya Joredane, kwa botlhaba jwa Jeriko, ba ne ba tlhopha Besere+ mo nageng e e kwa godimo e e sephaphathi go tswa mo lotsong lwa ga Rubene, Ramothe+ kwa Gileade go tswa mo lotsong lwa ga Gada le Golane+ kwa Bashana go tswa mo lotsong lwa ga Manase.+

  • Joshua 21:13
    Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
    • 13 Mme bomorwa moperesiti Arone ba ne ba newa motse wa botshabelo wa Heberone+ le mafulo a yone gore mmolai a tshabele kwa go one, gape ba ne ba newa Libena+ le mafulo a yone,

  • Joshua 21:21
    Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
    • 21 Ba ne ba ba naya motse wa botshabelo wa Shekema+ le mafulo a yone gore mmolai a tshabele kwa go one mo kgaolong e e dithaba ya Eferaime, Gesere+ le mafulo a yone,

  • Joshua 21:27
    Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
    • 27 Mme Bagereshone+ ba malapa a Balefi ba ne ba abelwa motse wa botshabelo wa Golane,+ kwa Bashana le mafulo a yone go tswa mo halofong ya lotso lwa ga Manase gore mmolai a tshabele kwa go one le Beeshetera le mafulo a yone, e leng metse e le mebedi.

  • Joshua 21:32
    Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
    • 32 Mme go tswa mo lotsong lwa ga Nafetali ba ne ba abelwa: motse wa botshabelo wa Kedeshe+ kwa Galalea le mafulo a yone gore mmolai a tshabele kwa go one, Hamothe-dore le mafulo a yone le Karatane le mafulo a yone, e leng metse e le meraro.

  • Joshua 21:36
    Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
    • 36 Mme go tswa mo lotsong lwa ga Rubene ba ne ba abelwa: Besere+ le mafulo a yone, Jahase le mafulo a yone,+

  • Joshua 21:38
    Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
    • 38 Mme go tswa mo lotsong lwa ga Gada+ ba ne ba abelwa: motse wa botshabelo wa Ramothe kwa Gileade+ le mafulo a yone gore mmolai a tshabele kwa go one le Mahanaime+ le mafulo a yone,

Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
Tswa
Tsena
  • Setswana
  • Romela
  • Tse O ka Di Tlhophang
  • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
  • Melawana ya Tiriso
  • Molawana wa Tshireletsego
  • Di-setting Tsa Websaete
  • JW.ORG
  • Tsena
Romela