-
Duteronome 4:41-43Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
-
-
41 Ka nako eo, Moshe o ne a tlhaola metse e le meraro ka fa botlhaba jwa Joredane.+ 42 Fa mmolai ope a bolaya motho yo mongwe e se ka boomo mme a ne a sa mo tlhoa,+ o tshwanetse go tshabela kwa motseng mongwe wa metse eno mme a tshele.+ 43 Metse eo ke Besere+ e e kwa nageng mo karolong e e kwa godimo e e sephaphathi e le ya Barubene, Ramothe+ e e kwa Gileade e le ya Bagada le Golane+ e e kwa Bashana e le ya Bamanase.+
-