-
Ekesodo 21:12Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
-
-
12 “Ope fela yo o itayang motho gore a bo a swe o tshwanetse go bolawa.+
-
-
Lefitiko 24:17Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
-
-
17 “‘Fa motho a bolaya motho yo mongwe, o tshwanetse go bolawa.+
-
-
Duteronome 19:11, 12Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
-
-
11 “Mme gone, fa motho a ne a tlhoile motho yo mongwe+ e bile a ne a mo laletse gore a mo tlhasele a bo a mo gobatsa thata a bo a swa, mme motho yono a tshabetse kwa motseng mongwe wa metse eno, 12 foo bagolwane ba motse wa gagabo ba rome batho gore a ye go tsewa koo, mme ba mo tsenye mo seatleng sa mmusolosi wa madi, mme o tshwanetse go swa.+
-