-
Joshua 20:4, 5Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
-
-
4 A tshabele kwa motseng mongwe mo metseng eno+ mme a eme kwa kgorong+ ya motse a bo a bua kgang ya gagwe bagolwane ba motse ba mo reeditse. Go tswa foo, ba tshwanetse go mo amogela mo motseng ba bo ba mo naya lefelo mme o tla nna le bone. 5 Fa e le gore mmusolosi wa madi o mo lelekisitse, ba se ka ba tsenya mmolai yono mo seatleng sa gagwe ka gonne o bolaile motho yo mongwe ka phoso* e bile o ne a ntse a sa mo tlhoa.+
-