-
Dipalo 3:30, 31Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
-
-
30 Kgosana ya malapa a Bakohathe ya kgotla ya bone e ne e le Elisafane morwa Usiele.+ 31 Boikarabelo jwa bone e ne e le go tlhokomela Letlole,+ tafole,+ setlhomo sa dipone,+ dibeso,+ dilwana+ tse di dirisiwang tsa go direla mo lefelong le le boitshepo, sesiro+ le tirelo yotlhe e e amanang le tsone.+
-
-
Dipalo 4:15Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
-
-
15 “Fa Baiseraele ba fuduga, Arone le bomorwawe ba tshwanetse go bo ba feditse go khurumetsa lefelo le le boitshepo+ le dilwana tsotlhe tsa lefelo le le boitshepo. Go tswa foo, bomorwa Kohathe ba tsene ba tle go di rwala,+ mme ga ba a tshwanela go kgoma lefelo le le boitshepo, go seng jalo ba tla swa.+ Dilo tseno ke boikarabelo* jwa bomorwa Kohathe jo bo amanang le tente ya bokopanelo.
-