-
Ekesodo 37:25, 26Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
-
-
25 Jaanong o ne a dira sebeso sa maswalo+ ka logong lwa mokala. Se ne se na le matlhakore a le manê a a lekalekanang, boleele jwa sone e le disentimetara di ka nna 45, bophara jwa sone e le disentimetara di ka nna 45 mme bogodimo jwa sone e le disentimetara di le 89. Dinaka tsa sone e ne e le selo se le sengwe fela se se tshwaraganeng le sebeso.+ 26 O ne a se manega gauta e e sa tswakanngwang mo karolong ya sone e e mo godimo, mo matlhakoreng a sone go se dikologa le mo dinakeng tsa sone mme o ne a se direla mokgabisa wa gauta go se dikologa.
-