-
Ekesodo 30:23-25Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
-
-
23 “Gape o tseye dinkgisamonate tseno tsa boleng jo bo kwa godimo: borekhu jo bo nkgang monate* jo bo omeletseng jwa dikilogerama di le thataro, sinamone e e botshe ya dikilogerama di le tharo, kalamose e e botshe ya dikilogerama di le tharo, 24 le kasia ya dikilogerama di le thataro e e lekantsweng ka selekanyashekele sa lefelo le le boitshepo,*+ mmogo le leokwane la motlhware la selekanyo sa dilitara di ka nna nnê.* 25 Go tswa foo, o di dirise go dira leokwane le le boitshepo la go tlotsa; di tshwanetse go kopanngwa ka botswerere.*+ E tla nna leokwane le le boitshepo la go tlotsa.
-