LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • Dipalo 4:15
    Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
    • 15 “Fa Baiseraele ba fuduga, Arone le bomorwawe ba tshwanetse go bo ba feditse go khurumetsa lefelo le le boitshepo+ le dilwana tsotlhe tsa lefelo le le boitshepo. Go tswa foo, bomorwa Kohathe ba tsene ba tle go di rwala,+ mme ga ba a tshwanela go kgoma lefelo le le boitshepo, go seng jalo ba tla swa.+ Dilo tseno ke boikarabelo* jwa bomorwa Kohathe jo bo amanang le tente ya bokopanelo.

  • Dipalo 4:24-26
    Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
    • 24 Tseno ke dilo tse malapa a Bagereshone a abetsweng go di tlhokomela:+ 25 Ba tla tsaya matsela a tente ya motlaagana,+ tente ya bokopanelo, sekhurumetso sa yone le sekhurumetso sa matlalo a a borethe se se mo godimo ga sone,+ setswalo* sa kgoro ya tente ya bokopanelo,+ 26 matsela a a lepelelang a lolwapa,+ setswalo* sa kgoro ya lolwapa+ lo lo dikologileng motlaagana le sebeso, megala ya tente ya tsone le dilwana tsotlhe tsa tsone le sengwe le sengwe se se dirisiwang mo tirelong ya motlaagana. Eno ke kabelo ya bone.

  • Dipalo 4:31-33
    Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
    • 31 Tseno ke dilo tse ba nang le boikarabelo jwa go di tsaya+ tse di amanang le tiro e ba e dirang mo tenteng ya bokopanelo: diforeimi+ tsa motlaagana, mephakalego+ ya one, dipilara+ tsa one, metheo ya one e e khuti;+ 32 dipilara+ tse di dikologileng lolwapa, metheo ya tsone e e khuti,+ dipekere+ tsa tsone tse ditona le megala ya tsone mmogo le didirisiwa tsotlhe tsa tsone le tirelo yotlhe e e amanang le tsone. O ba abele dilo tse ba abetsweng go di tsaya go ya ka maina a bone. 33 Eo ke tsela e malapa a bomorwa Merari+ a tla direlang ka yone mo tenteng ya bokopanelo a okametswe ke Ithamare morwa moperesiti Arone.”+

Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
Tswa
Tsena
  • Setswana
  • Romela
  • Tse O ka Di Tlhophang
  • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
  • Melawana ya Tiriso
  • Molawana wa Tshireletsego
  • Di-setting Tsa Websaete
  • JW.ORG
  • Tsena
Romela