LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • Lefitiko 5:16
    Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
    • 16 Mme o tla duelela boleo jo a bo diretseng lefelo le le boitshepo, gape o tla oketsa tuelo eo ka karolwana* ya tlhwatlhwa ya yone.+ O tla e naya moperesiti gore a mo ntshetse setlhabelo sa gore a itshwarelwe maleo+ ka phelefu ya setlhabelo sa molato, mme o tla itshwarelwa.+

  • Lefitiko 6:6, 7
    Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
    • 6 Mme o tla ntsha setlhabelo sa gagwe sa molato ka phelefu e e itekanetseng sentle go tswa mo letsomaneng go ya ka tlhwatlhwa e e sekasekilweng a bo a e isa kwa moperesiting, gore e nne setlhabelo sa molato se se yang kwa go Jehofa.+ 7 Moperesiti o tla e ntshetsa Jehofa gore motho yoo a nne phepa, mme o tla itshwarelwa sepe fela se a ka tswang a se dirile se se neng sa felela ka gore a nne molato.”+

  • Lefitiko 7:7
    Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
    • 7 Go na le molao o le mongwe o o amanang le setlhabelo sa boleo le setlhabelo sa molato; dilo tseno e tla nna tsa moperesiti yo o ntshang setlhabelo seno.+

Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
Tswa
Tsena
  • Setswana
  • Romela
  • Tse O ka Di Tlhophang
  • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
  • Melawana ya Tiriso
  • Molawana wa Tshireletsego
  • Di-setting Tsa Websaete
  • JW.ORG
  • Tsena
Romela