-
Dipalo 5:15Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
-
-
15 monna o tshwanetse go tlisa mosadi wa gagwe kwa moperesiting mmogo le setlhabelo se se tla ntshediwang mosadi, kilogerama e ka nna nngwe* ya bupi jwa barele.* Ga a tshwanela go tshela leokwane mo go yone kgotsa go baya borekhu jo bo nkgang monate* mo go sone ka gonne ke setlhabelo sa dijo tsa ditlhaka sa lefufa, e leng setlhabelo sa dijo tsa ditlhaka se se dirang gore motho a gakologelwe molato wa gagwe.
-
-
Dipalo 5:25Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
-
-
25 Mme moperesiti a tseye setlhabelo sa dijo tsa ditlhaka sa lefufa+ mo seatleng sa mosadi a bo a se fokisetsa kwa morago le kwa pele fa pele ga ga Jehofa, mme a se tlise gaufi le sebeso.
-