-
Genesise 13:16Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
-
-
16 Mme ke tla dira gore losika lwa gago lo nne jaaka lorole lwa lefatshe, mo e leng gore fa mongwe a ka kgona go bala lorole lwa lefatshe, foo losika lwa gago lo ka kgona go balwa.+
-
-
Ekesodo 38:26Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
-
-
26 Halofo ya shekele e e neng e ntshitswe ke mongwe le mongwe e ne e le halofo ya shekele go ya ka selekanyashekele sa lefelo le le boitshepo,* e e neng e ntshitswe ke monna mongwe le mongwe mo go ba ba neng ba kwadisitswe go simolola ka ba ba dingwaga di le 20 le go feta,+ ba ba neng ba le 603 550.+
-
-
Dipalo 2:32Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
-
-
32 Bano e ne e le Baiseraele ba ba neng ba kwadisitswe go ya ka dikgotla tsa bone; palo ya botlhe ba ba neng ba kwadisitswe mo dikampeng tsa bone gore e nne masole e ne e le 603 550.+
-