-
Dipalo 7:13-17Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
-
-
13 Mpho ya gagwe e ne e le sejana sa selefera se le sengwe sa bokete jwa dishekele* di le 130 le sekotlele se sennye sa selefera se le sengwe sa bokete jwa dishekele di le 70 go ya ka selekanyashekele* sa lefelo le le boitshepo,*+ tsoopedi di tletse bupi jo bo boleta jo bo tlhakantsweng le leokwane gore e nne setlhabelo sa dijo tsa ditlhaka;+ 14 kopi* ya gauta e le nngwe ya bokete jwa dishekele di le 10 e tletse maswalo; 15 powana e le nngwe, phelefu e le nngwe le kwanyana e tonanyana e le nngwe e e nang le ngwaga o le mongwe kgotsa kwa tlase, e le tsa setlhabelo se se fisiwang;+ 16 potsane e le nngwe ya setlhabelo sa boleo;+ 17 gape o ne a ntsha dikgomo tse pedi, diphelefu tse tlhano, diphoko tse tlhano le dikwanyana tse ditonanyana di le tlhano nngwe le nngwe ya tsone e na le ngwaga o le mongwe, e le tsa setlhabelo sa go abelana.+ Eno e ne e le mpho ya ga Nashone morwa Aminadabe.+
-