LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • Ekesodo 17:9
    Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
    • 9 Foo Moshe o ne a raya Joshua+ a re: “Re tlhophele banna mme o ye go tlhabana le Baamaleke. Kamoso ke tla ema mo godimo ga thota ke tshwere thobane ya Modimo wa boammaaruri.”

  • Ekesodo 24:13
    Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
    • 13 Ka jalo, Moshe o ne a tsamaya le Joshua+ motlhokomedi wa gagwe, mme Moshe a tlhatlogela mo thabeng ya Modimo wa boammaaruri.+

  • Ekesodo 33:11
    Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
    • 11 Jehofa o ne a bua le Moshe ba lebane difatlhego,+ fela jaaka motho a ka bua le yo mongwe. Fa a boela kwa kampeng, Joshua+ morwa Nune, modiredi le motlhokomedi wa gagwe,+ o ne a sa nke a tswa mo tenteng.

  • Dipalo 27:18-20
    Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
    • 18 Ka jalo, Jehofa o ne a raya Moshe a re: “Tsaya Joshua morwa Nune, monna yo moya o leng mo go ene, mme o beye seatla sa gago mo go ene.+ 19 Go tswa foo, o mo emise fa pele ga ga moperesiti Eliasare le fa pele ga phuthego yotlhe, mme o tshwanetse go mo tlhoma ba ntse ba lebile.+ 20 Mme o mo neye bontlhanngwe jwa taolo* ya gago,+ gore phuthego yotlhe ya Baiseraele e tle e mo reetse.+

  • Duteronome 31:3
    Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
    • 3 Jehofa, Modimo wa gago ke ene a kgabaganyang fa pele ga gago e bile ke ene a tla nyeletsang ditšhaba tseno fa pele ga gago mme wena o tla di leleka.+ Joshua ke ene a tla lo etelelang pele gore lo kgabaganye,+ fela jaaka Jehofa a buile.

Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
Tswa
Tsena
  • Setswana
  • Romela
  • Tse O ka Di Tlhophang
  • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
  • Melawana ya Tiriso
  • Molawana wa Tshireletsego
  • Di-setting Tsa Websaete
  • JW.ORG
  • Tsena
Romela