-
Ekesodo 18:25Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
-
-
25 Moshe o ne a tlhopha banna ba ba nang le bokgoni mo Iseraele yotlhe mme a ba tlhoma gore ba etelele batho pele e le baokamedi ba dikete, baokamedi ba makgolo, baokamedi ba ditlhopha tsa masome a matlhano le baokamedi ba masome.
-
-
Joshua 22:13, 14Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
-
-
13 Foo Baiseraele ba ne ba roma Finease+ morwa moperesiti Eliasare kwa Barubeneng, Bagada le halofo ya lotso lwa ga Manase kwa lefatsheng la Gileade, 14 mme dikgosana di le lesome di ne di na le ene, kgosana e le nngwe ya kgotla ya bone go tswa mo ditsong tsotlhe tsa Iseraele, nngwe le nngwe e le tlhogo ya kgotla ya bone mo diketeng* tsa Iseraele.+
-
-
1 Ditiragalo 27:1Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
-
-
27 Eno ke palo ya Baiseraele, ditlhogo tsa dikgotla tsa bone, baokamedi ba dikete le ba makgolo+ le badiredibagolo ba bone ba ba neng ba direla kgosi+ mo kgannyeng nngwe le nngwe e e amanang le mephato e e neng e tsena le e e neng e tswa kgwedi le kgwedi mo dikgweding tsotlhe tsa ngwaga; mo mophatong mongwe le mongwe go ne go na le ba le 24 000.
-