-
Joshua 14:7, 8Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
-
-
7 Ke ne ke na le dingwaga di le 40 fa Moshe motlhanka wa ga Jehofa a ne a nthoma go tswa kwa Kadeshe-barenea go ya go tlhola lefatshe,+ mme ke ne ka boa ka pego e e siameng.*+ 8 Le fa gone bomorwarre ba ba neng ba tsamaile le nna ba ile ba dira gore batho ba felelwe ke maatla,* nna ke ne ka sala Jehofa, Modimo wa me morago ka pelo yotlhe.*+
-