-
Dipalo 4:15Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
-
-
15 “Fa Baiseraele ba fuduga, Arone le bomorwawe ba tshwanetse go bo ba feditse go khurumetsa lefelo le le boitshepo+ le dilwana tsotlhe tsa lefelo le le boitshepo. Go tswa foo, bomorwa Kohathe ba tsene ba tle go di rwala,+ mme ga ba a tshwanela go kgoma lefelo le le boitshepo, go seng jalo ba tla swa.+ Dilo tseno ke boikarabelo* jwa bomorwa Kohathe jo bo amanang le tente ya bokopanelo.
-
-
Dipalo 4:20Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
-
-
20 Ga ba a tshwanela go tsena mme ba bona dilo tse di boitshepo, tota le fa e le ka nako e khutshwane, go seng jalo ba tla swa.”+
-
-
Dipalo 16:39, 40Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
-
-
39 Ka jalo, moperesiti Eliasare o ne a tsaya ditsholamolelo tsa kopore, tse di neng di tlisitswe ke ba ba neng ba fisiwa mme a di papetla gore go manegwe sebeso ka tsone, 40 fela jaaka Jehofa a ne a mmoleletse ka Moshe. E ne ya nna selo se se gopotsang Baiseraele gore motho ope yo o sa tshwanelegeng* yo e seng wa losika lwa ga Arone a se ka a atamela gore a fise maswalo fa pele ga ga Jehofa,+ le gore ope a se ka a tshwana le Kora le ba ba neng ba mo eme nôkeng.+
-