-
Ekesodo 29:32Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
-
-
32 Arone le bomorwawe ba tla jela+ nama ya phelefu le senkgwe se se mo mmanking fa kgorong ya tente ya bokopanelo.
-
-
Lefitiko 6:14Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
-
-
14 “‘Jaanong ono ke molao wa setlhabelo sa dijo tsa ditlhaka:+ Bomorwa Arone ba tla se isa fa pele ga ga Jehofa fa pele ga sebeso.
-
-
Lefitiko 10:12, 13Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
-
-
12 Morago ga moo, Moshe o ne a bua le Arone le bomorwawe ba ba neng ba setse e bong Eliasare le Ithamare, a re: “Tsayang se se setseng mo setlhabelong sa dijo tsa ditlhaka go tswa mo ditlhabelong tsa ga Jehofa tse di dirwang ka molelo mme lo se jele gaufi le sebeso e le senkgwe se se se nang sebediso,+ ka gonne ke selo se se boitshepotshepo.+ 13 Lo tshwanetse go se jela mo lefelong le le boitshepo+ ka ntlha ya gore ke kabelo ya lona le kabelo ya bomorwaalona e e tswang mo ditlhabelong tsa ga Jehofa tse di dirwang ka molelo ka gonne seno ke se ke se laetsweng.
-