-
Joshua 24:9Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
-
-
9 Foo Balake morwa Sipore, kgosi ya Moabe, o ne a tlhabana le Iseraele. Ka jalo, o ne a bitsa Balaame morwa Beore gore a lo hutse.+
-
-
Nehemia 13:1, 2Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
-
-
13 Mo letsatsing leo go ne ga balwa buka ya ga Moshe batho ba reeditse,+ mme mo go yone go ne ga fitlhelwa go kwadilwe gore go se nne le Moamone ope kgotsa Momoabe+ ope yo o tshwanetseng go tsena mo phuthegong ya Modimo wa boammaaruri,+ 2 ka gonne ba ne ba sa naya Baiseraele senkgwe le metsi, go na le moo ba ile ba ba thapela Balaame gore a ba hutse.+ Le fa go ntse jalo, Modimo wa rona o ne a fetola phutso eo a e dira tshegofatso.+
-