LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • Genesise 27:37
    Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
    • 37 Mme Isake o ne a araba Esau a re: “Ke mo tlhomile go nna mong wa gago+ e bile ke mo neile bomorwarraagwe botlhe gore e nne batlhanka ba gagwe, ke mo neile dijo tsa ditlhaka le beine e ntšha gore di mo otle.+ Mme ke eng se se setseng se nka se go direlang, morwaaka?”

  • 2 Samuele 8:14
    Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
    • 14 O ne a tlhoma ditlhopha tsa masole a a sireletsang kwa Edoma. Kwa Edoma yotlhe, o ne a tlhoma ditlhopha tsa masole a a sireletsang, mme Baedoma botlhe ba ne ba nna batlhanka ba ga Dafide.+ Jehofa o ne a dira gore Dafide a fenye gongwe le gongwe kwa a neng a ya teng.+

  • Amose 9:11, 12
    Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
    • 11 ‘Mo letsatsing leo, ke tla tsosa loobo* lwa ga Dafide+ lo lo oleng,

      Ke tla baakanya diphatlha tsa lone,*

      E bile ke tla tsosolosa marope a lone;

      Ke tla lo aga sesha gore lo nne jaaka mo malatsing a bogologolo,+

      12 Gore ba tle ba rue se se setseng kwa Edoma,+

      Le ditšhaba tsotlhe tse leina la me le bidiwang mo go tsone,’ go bua Jehofa, yo o dirang seno.

Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
Tswa
Tsena
  • Setswana
  • Romela
  • Tse O ka Di Tlhophang
  • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
  • Melawana ya Tiriso
  • Molawana wa Tshireletsego
  • Di-setting Tsa Websaete
  • JW.ORG
  • Tsena
Romela