-
Lefitiko 11:43Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
-
-
43 Lo se ka lwa dira gore ke se ka ka lo amogela ka ntlha ya ditshedi tse di tsamayang di le setlhopha e bile lo se ka lwa iteswafatsa ka tsone mme tsa dira gore lo itshekologe.+
-
-
Lefitiko 20:25Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
-
-
25 Lo tshwanetse go farologanya phologolo e e itshekileng le e e sa itshekang le nonyane e e sa itshekang le e e itshekileng;+ ga lo a tshwanela go dira gore lo nne makgapha ka ntlha ya phologolo kgotsa nonyane kgotsa sepe fela se se gagabang mo lefatsheng se ke se lo tlhaoletseng gore lo se tseye se itshekologile.+
-
-
Ditiro 10:14Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
-
-
14 Le fa go ntse jalo, Petere o ne a re: “Nnyaa Morena, ka gonne ga ke ise ke tsamaye ke je sepe se se leswafetseng e bile se se phepa.”+
-