LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • Pesalema 14:1-7
    Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
    • 14 Dimatla* di bua jaana mo dipelong tsa tsone:

      “Ga go na Jehofa.”+

      Ditiro tsa bone di bosula e bile se ba se dirang se makgapha;

      Ga go na ope yo o dirang molemo.+

       2 Le fa go ntse jalo, Jehofa o leba bomorwa batho a le kwa legodimong

      Gore a bone gore a go na le mongwe yo o nang le temogo, le gore a go na le mongwe yo o batlang go kaelwa ke Jehofa.+

       3 Botlhe ba fapogile;+

      Botlhe fela ba bosula.

      Ga go na ope yo o dirang se se siameng,

      Tota le fa a le mongwe ga a yo.

       4 A ga go na ope wa batho ba ba bosula yo o tlhaloganyang?

      Ba kometsa batho ba me jaaka e kete ba ja senkgwe.

      Ga ba bitse Jehofa.

       5 Mme ba tla welwa ke poifo e kgolo,+

      Gonne Jehofa o na le kokomana ya basiami.

       6 Lona badirabosula lo leka go kgoreletsa dithulaganyo tsa motho wa maemo a a kwa tlase,

      Le fa go ntse jalo, Jehofa ke botshabelo jwa gagwe.+

       7 E kete poloko ya Iseraele e ka tla e tswa mo Siona.+

      Fa Jehofa a phutha batho ba gagwe ba ba ileng botshwarwa,

      A Jakobe a ipele, a Iseraele a itumele.

  • Baroma 3:10
    Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
    • 10 fela jaaka go kwadilwe go twe: “Ga go na motho yo o siameng, tota le fa a le mongwe ga a yo;+

Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
Tswa
Tsena
  • Setswana
  • Romela
  • Tse O ka Di Tlhophang
  • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
  • Melawana ya Tiriso
  • Molawana wa Tshireletsego
  • Di-setting Tsa Websaete
  • JW.ORG
  • Tsena
Romela