LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • 1 Ditiragalo 28:9
    Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
    • 9 “Mme wena Solomone morwaaka, itse Modimo wa ga rrago mme o mo direle ka pelo e e feletseng*+ e bile o mo direle ka boitumelo,* ka gonne Jehofa o tlhatlhoba dipelo tsotlhe,+ e bile o lemoga dikakanyo le dikeletso tsotlhe.+ Fa o mmatla, o tla dira gore o mmone,+ mme fa o mo tlogela, o tla go latlha ka bosakhutleng.+

  • 2 Ditiragalo 15:2
    Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
    • 2 Ka jalo, o ne a ya go kgatlhantsha Asa mme a mo raya a re: “Ntheetse, wena Asa le Juda yotlhe le Benjamine! Jehofa o na le lona fa fela lo tswelela lo na le ene;+ mme fa lo mmatla, o tla dira gore lo mmone,+ mme fa lo mo tlogela, o tla lo tlogela.+

  • 2 Ditiragalo 19:1
    Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
    • 19 Go tswa foo, Kgosi Jehoshafate wa Juda o ne a boela kwa ntlong ya gagwe* kwa Jerusalema a babalesegile.*+

  • 2 Ditiragalo 19:3
    Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
    • 3 Le fa go ntse jalo, go na le dilo tse di molemo tse di fitlhetsweng mo go wena,+ ka gonne o tlositse dikota tse di boitshepo* mo lefatsheng leno e bile o baakantse pelo ya gago* gore e batle Modimo wa boammaaruri.”+

  • Isaia 55:6
    Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
    •  6 Batlang Jehofa, a sa ntse a ka bonwa.+

      Mmitseng a sa ntse a le gaufi.+

  • 1 Petere 3:12
    Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
    • 12 Gonne matlho a ga Jehofa* a lebile batho ba ba siameng, le ditsebe tsa gagwe di reetsa ba ba mo rapelang ka tlhoafalo,+ le fa go ntse jalo, Jehofa* ga a batle ba ba dirang se se bosula.”+

Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
Tswa
Tsena
  • Setswana
  • Romela
  • Tse O ka Di Tlhophang
  • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
  • Melawana ya Tiriso
  • Molawana wa Tshireletsego
  • Di-setting Tsa Websaete
  • JW.ORG
  • Tsena
Romela