-
Mathaio 13:34, 35Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
-
-
34 Jesu o ne a bolelela boidiidi dilo tseno tsotlhe a dirisa ditshwantsho. Eleruri, ka metlha o ne a bua le bone a dirisa ditshwantsho,+ 35 gore go tle go diragale se moporofeti mongwe a neng a se bua fa a ne a re: “Ke tla bula molomo wa me ke bua ditshwantsho; ke tla bolela dilo tse di fitlhilweng fa e sa le go tloga kwa tshimologong.”*+
-