-
Duteronome 4:34Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
-
-
34 Kgotsa a Modimo o kile a leka go itseela setšhaba go tswa mo setšhabeng se sengwe? A o kile a dirisa dikatlholo,* ditshupo, dikgakgamatso,+ ntwa,+ maatla a magolo,+ nonofo e kgolo le ditiro tse di boifisang?+ A Jehofa, Modimo wa lona o kile a dira se a neng a se lo direla kwa Egepeto fa pele ga matlho a lona?
-
-
Pesalema 105:27-36Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
-
-
27 Ba ne ba dira ditshupo tsa gagwe mo bathong,*
Le dikgakgamatso tsa gagwe mo lefatsheng la ga Hame.+
29 O ne a fetola metsi a bone gore e nne madi
A bo a bolaya ditlhapi tsa bone.+
30 Lefatshe la bone le ne la tlala digwagwa,+
Tota le mo diphaposing tsa kgosi.
31 O ne a laela diboba le mentsana
Gore di tlhasele mo dikarolong tsotlhe tsa naga ya bone.+
33 O ne a itaya ditlhare tsa bone tsa morara* le tsa mofeige
A bo a robaganya ditlhare tse di mo nageng ya bone.
34 O ne a laela ditsie gore di tlhasele,
Ditsie tse dinnye tse di se nang palo.+
35 Di ne tsa ja dimela tsotlhe mo lefatsheng leo,
E bile di ne tsa ja se mmu wa bone o se tlhogisitseng.
36 Go tswa foo, o ne a bolaya leitibolo lengwe le lengwe mo lefatsheng la bone,+
E leng tshimologo ya maatla a bone a go tshola.
-