Pesalema 77:20 Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha 20 O ne wa etelela batho ba gago pele fela jaaka letsomane+O dirisa* Moshe le Arone.+ Isaia 40:11 Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha 11 O tla tlhokomela* letsomane la gagwe fela jaaka modisa.+ O tla phutha dikwanyana mmogo ka lebogo la gagwe,E bile o tla di tshola mo sehubeng sa gagwe. Tse di anyisang o tla di etelela pele ka lorato.+ Jeremia 31:10 Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha 10 Lona ditšhaba, utlwang lefoko la ga Jehofa,Lo bo lo le bolele mo ditlhaketlhakeng tse di kgakala, lo re:+ “Ene yo o gasamisitseng Iseraele, o tla boa a mo phutha mmogo. O tla mo tlhokomela fela jaaka modisa a tlhokomela letsomane la gagwe.+ Esekiele 34:12 Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha 12 Ke tla tlhokomela dinku tsa me fela jaaka modisa yo o boneng dinku tsa gagwe tse di neng di gasame mme jaanong a di fepa.+ Ke tla di phutha kwa mafelong otlhe a di neng di gasametse kwa go one mo letsatsing la maru le lefifi le lentshontsho.+ 1 Petere 2:25 Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha 25 Gonne lo ne lo tshwana le dinku tse di timetseng,+ mme jaanong lo boetse kwa modiseng+ le kwa molebeding wa lona.
11 O tla tlhokomela* letsomane la gagwe fela jaaka modisa.+ O tla phutha dikwanyana mmogo ka lebogo la gagwe,E bile o tla di tshola mo sehubeng sa gagwe. Tse di anyisang o tla di etelela pele ka lorato.+
10 Lona ditšhaba, utlwang lefoko la ga Jehofa,Lo bo lo le bolele mo ditlhaketlhakeng tse di kgakala, lo re:+ “Ene yo o gasamisitseng Iseraele, o tla boa a mo phutha mmogo. O tla mo tlhokomela fela jaaka modisa a tlhokomela letsomane la gagwe.+
12 Ke tla tlhokomela dinku tsa me fela jaaka modisa yo o boneng dinku tsa gagwe tse di neng di gasame mme jaanong a di fepa.+ Ke tla di phutha kwa mafelong otlhe a di neng di gasametse kwa go one mo letsatsing la maru le lefifi le lentshontsho.+
25 Gonne lo ne lo tshwana le dinku tse di timetseng,+ mme jaanong lo boetse kwa modiseng+ le kwa molebeding wa lona.