-
Ekesodo 23:30Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
-
-
30 Ke tla ba leleka kgato ka kgato ke ba ntsha fa pele ga gago go fitlha o ata o bo o gapa lefatshe leo.+
-
-
Joshua 24:12, 13Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
-
-
12 Ka jalo, pele ga lo goroga ke ne ka dira gore baba ba lona ba kgobege marapo,* mme ke ne ka ba leleka fa pele ga lona,+ e leng dikgosi tse pedi tsa Baamore. E ne e se ka tšhaka ya lona e bile e ne e se ka bora jwa lona.+ 13 Mme ke ne ka lo naya lefatshe le lo neng lo sa dira ka natla mo go lone le metse e lo neng lo sa e aga,+ mme lo ne lwa nna mo go yone. Lo ja mo masimong a morara* le mo masimong a motlhware a lo sa a jalang.’+
-