LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • Genesise 15:18
    Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
    • 18 Mo letsatsing leo, Jehofa o ne a dira kgolagano le Aberame,+ a re: “Ke tla naya losika lwa gago lefatshe leno,+ go simologa kwa nokeng ya Egepeto go ya go fitlha kwa nokeng e kgolo, noka ya Euferatese:+

  • Ekesodo 23:31
    Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
    • 31 “Ke tla tlhoma molelwane wa gago go tswa kwa Lewatleng le Lehibidu go ya kwa lewatleng la Bafilisitia le go tswa kwa nageng go ya kwa Nokeng;*+ ka gonne ke tla tsenya banni ba lefatshe leo mo seatleng sa lona, mme lo tla ba leleka lo ba ntsha fa pele ga lona.+

  • 1 Dikgosi 4:21
    Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
    • 21 Solomone o ne a busa magosi otlhe go simologa kwa Nokeng*+ go ya kwa lefatsheng la Bafilisitia le go ya kwa molelwaneng wa Egepeto. Ba ne ba tlisetsa Solomone sehuba* e bile ba ne ba mo direla malatsi otlhe a botshelo jwa gagwe.+

  • Pesalema 72:8
    Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
    •  8 O tla nna le batho ba a ba busang* go tswa kwa lewatleng le lengwe go ya kwa go le lengwe

      Le go tswa kwa Nokeng* go ya kwa dikhutlong tsa lefatshe.+

Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
Tswa
Tsena
  • Setswana
  • Romela
  • Tse O ka Di Tlhophang
  • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
  • Melawana ya Tiriso
  • Molawana wa Tshireletsego
  • Di-setting Tsa Websaete
  • JW.ORG
  • Tsena
Romela