LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • Esera 2:1
    Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
    • 2 Mme batho bano e ne e le ba porofense* ba ba neng ba tswa kwa Babelona.+ Ba ne ba nna le batho ba Kgosi Nebukadenesare a neng a ba isitse botshwarwa kwa Babelona+ mme moragonyana ba ne ba boela kwa Jerusalema le kwa Juda, mongwe le mongwe a boela kwa motseng wa gagabo.+

  • Jeremia 30:18
    Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
    • 18 Seno ke se Jehofa a se buang:

      “Jaanong ke phutha batshwarwa ba ditente tsa ga Jakobe,+

      E bile ke tla tlhomogela metlaagana ya gagwe pelo.

      Motse o tla agiwa sesha mo thotaneng ya one,+

      Le tora e e sireletsegileng e tla agiwa mo lefelong la yone le le tshwanetseng.

  • Esekiele 39:25
    Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
    • 25 “Ka jalo, seno ke se Morena Molaodimogolo Jehofa a se buang: ‘Ke tla busa batho ba ga Jakobe ba ba neng ba isitswe botshwarwa+ ke bo ke utlwela batho botlhe ba Iseraele botlhoko;+ mme ke tla femela leina la me le le boitshepo ka tlhoafalo.*+

Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
Tswa
Tsena
  • Setswana
  • Romela
  • Tse O ka Di Tlhophang
  • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
  • Melawana ya Tiriso
  • Molawana wa Tshireletsego
  • Di-setting Tsa Websaete
  • JW.ORG
  • Tsena
Romela