-
Tshenolo 7:9, 10Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
-
-
9 Morago ga moo ke ne ka bona boidiidi jo bogolo jwa batho, jo motho ope a neng a ka se ka a kgona go bo bala, ba tswa mo merafeng yotlhe, mo ditsong tsotlhe le mo ditšhabeng tsotlhe e bile ba bua dipuo* tse di farologaneng.+ Ba ne ba eme fa pele ga setulo sa bogosi le fa pele ga Kwana, ba apere diaparo tse ditelele tse ditshweu;+ mme ba ne ba tshotse dikala tsa ditlhare tsa mokolane ka diatla.+ 10 Ba ne ba nna ba goa ka lentswe le le kwa godimo ba re: “Poloko ya rona e tswa kwa Modimong wa rona, yo o ntseng mo setulong sa bogosi,+ le kwa go Kwana.”+
-