LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • Nehemia 4:4
    Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
    • 4 Utlwa tlhe Modimo wa rona, ka gonne re a nyadiwa,+ mme o busetse kgobo ya bone mo go bone,*+ o bo o dire gore ba gapiwe ba bo ba isiwe botshwarwa kwa lefatsheng le lengwe.

  • Nehemia 6:15, 16
    Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
    • 15 Ka jalo, lobota lo ne lwa wediwa mo letsatsing la bo25 la kgwedi ya Elule,* mo malatsing a le 52.

      16 Fela fa baba botlhe ba rona ba utlwa ka gone le ditšhaba tsotlhe tse di neng di re dikologile di bona seo, ba ne ba swaba fela thata,*+ mme ba ne ba lemoga gore Modimo wa rona o ne a re thusa gore re dire tiro eno.

  • Esethere 6:13
    Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
    • 13 E rile Hamane a bolelela mosadi wa gagwe e bong Sereshe+ le ditsala tsa gagwe tsotlhe sengwe le sengwe se se neng se mo diragaletse, banna ba gagwe ba ba botlhale le mosadi wa gagwe e bong Sereshe ba ne ba mo raya ba re: “Fa e le gore Moredekai, yo o setseng a na le maemo a a kwa godimo ga a gago ke Mojuda,* ga o kitla o mo fenya; ruri o tla wa fa pele ga gagwe.”

  • Esethere 9:5
    Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
    • 5 Bajuda ba ne ba kgemetha baba ba bone botlhe ka tšhaka, ba ba bolaya; mme ba ne ba dira se ba se ratang ka batho ba ba ba tlhoileng.+

  • Pesalema 137:7
    Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
    •  7 Ao tlhe Jehofa, gakologelwa

      Se Baedoma ba neng ba se bua mo letsatsing la fa Jerusalema e ne e wa, ba re:

      “E dige! E dige go fitlha kwa metheong ya yone!”+

  • Sekarea 12:3
    Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
    • 3 Mo letsatsing leo, ke tla dira gore Jerusalema a nne leje le le bokete* mo ditšhabeng tsotlhe. Botlhe ba ba le tsholetsang ruri le tla ba gobatsa mo go botlhoko;+ mme ditšhaba tsotlhe tse di mo lefatsheng di tla phuthiwa gore di mo tlhasele.”+

Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
Tswa
Tsena
  • Setswana
  • Romela
  • Tse O ka Di Tlhophang
  • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
  • Melawana ya Tiriso
  • Molawana wa Tshireletsego
  • Di-setting Tsa Websaete
  • JW.ORG
  • Tsena
Romela