LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • Pesalema 16:10
    Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
    • 10 Gonne ga o kitla o ntlogela mo Lebitleng.*+

      Ga o kitla o letla gore motho yo o ikanyegang a tswelele a le mo lebitleng.*+

  • Pesalema 28:1
    Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
    • 28 Ke kopa thuso kwa go wena ka metlha, tlhe Jehofa Lefika+ la me;

      O se ka wa intlhokomolosa.

      Fa o ntidimalela,

      Ke tla tshwana le ba ba fologelang mo khuting.*+

  • Isaia 38:17
    Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
    • 17 Mo boemong jwa kagiso, ke ne ka nna mo khutsafalong e kgolo;

      Mme e re ka o nthata,

      O ne wa nketsha* mo khuting ya tshenyego.+

      O latlhetse maleo a me otlhe kwa morago ga gago.*+

  • Jona 2:6
    Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
    •  6 Ke ne ka nwela kwa tlase kwa metheong ya dithaba.

      Dikgoro tsa lefatshe di ne di ntswaletse ka bosakhutleng.

      Mme o ne wa ntsha botshelo jwa me mo mosimeng o o boteng, wena Jehofa Modimo wa me.+

Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
Tswa
Tsena
  • Setswana
  • Romela
  • Tse O ka Di Tlhophang
  • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
  • Melawana ya Tiriso
  • Molawana wa Tshireletsego
  • Di-setting Tsa Websaete
  • JW.ORG
  • Tsena
Romela