-
Daniele 7:9, 10Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
-
-
9 “Ke ne ka tswelela ke lebile go fitlha go bewa ditulo tsa bogosi mme Mogologolo wa Malatsi+ a nna fa fatshe.+ Diaparo tsa gagwe di ne di le ditshweu jaaka kapoko,+ e bile moriri wa tlhogo ya gagwe o ne o tshwana le boboa jo bo phepa. Setulo sa gagwe sa bogosi e ne e le dikgabo tsa molelo; maotwana a sone e ne e le molelo o o tukang.+ 10 Molatswana wa molelo o ne o elela o tswa fa pele ga sone.+ Dimilione di le dikete* di ne di mo direla, e bile dimilione di le dintsi* di ne di eme fa pele ga gagwe.+ Tsheko e ne ya simologa,+ mme dibuka di ne tsa bulwa.
-
-
Bahebera 12:29Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
-
-
29 Gonne Modimo wa rona o tshwana le molelo o o lailang.+
-