-
Sefela sa Difela 4:1-3Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
-
-
4 “O montle moratiwa.
O montle tota.
Matlho a gago ke a maeba mo lesireng la gago.
Moriri wa gago o tshwana le letsomane la dipodi
Tse di fologang mo dithabeng tsa Gileade.+
2 Meno a gago a tshwana le letsomane la dinku tse di sa tswang go beolwa
Tse di tswang go tlhapisiwa,
Tsotlhe fela e le tse di tsalang mafatlha,
E bile go se na epe ya tsone e e swetsweng ke dikwanyana.
3 Molomo wa gago o tshwana le tlhale e khibidu,
E bile se o se buang se a itumedisa.
Marama* a gago mo lesireng la gago
A tshwana le kapetla ya garanata.
-