LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • Ekesodo 30:23
    Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
    • 23 “Gape o tseye dinkgisamonate tseno tsa boleng jo bo kwa godimo: borekhu jo bo nkgang monate* jo bo omeletseng jwa dikilogerama di le thataro, sinamone e e botshe ya dikilogerama di le tharo, kalamose e e botshe ya dikilogerama di le tharo,

  • Ekesodo 30:25
    Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
    • 25 Go tswa foo, o di dirise go dira leokwane le le boitshepo la go tlotsa; di tshwanetse go kopanngwa ka botswerere.*+ E tla nna leokwane le le boitshepo la go tlotsa.

  • Esethere 2:12
    Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
    • 12 Lekgarebe lengwe le lengwe le ne le na le nako ya lone ya go tsena kwa go Kgosi Ahasueruse fa le sena go fetsa dikgwedi di le 12 tse di neng di rulaganyeditswe gore makgarebe a dirwe mantle le go feta, ka gonne eo e ne e le tsela e a neng a tshwanetse go dirwa mantle ka yone.* A ne a fetsa dikgwedi di le thataro a tshasiwa leokwane le le dirilweng ka borekhu jo bo nkgang monate*+ le dikgwedi di le thataro a tshasiwa leokwane la balema+ le ditlôlô tse di farologaneng tse basadi ba neng ba dirwa bantle ka tsone.*

  • Pesalema 45:8
    Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
    •  8 Diaparo tsotlhe tsa gago di tshasitswe borekhu jo bo nkgang monate* le mokgwapha* le sinamone* gore di nkge monate;

      Diletswa tsa megala tse di tswang kwa ntlong e kgolo ya segosi e e dirilweng ka lonaka lwa tlou, di dira gore o itumele.

  • Sefela sa Difela 4:6
    Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
    •  6 “Go fitlha phefonyana ya letsatsi e foka* le meriti e tshaba,

      Ke tla ya kwa thabeng ya ditlhare tsa mera*

      Le kwa thoteng ya ditlhare tsa lebano.”*+

  • Sefela sa Difela 5:13
    Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
    • 13 Marama a gagwe a tshwana le tshingwana ya dinkgisamonate,+

      Mekoa ya ditlhatshana tse di nkgang monate.

      Molomo wa gagwe ke malômô* a masoma, a a rothang borekhu jo bo nkgang monate jo bo metsi.+

Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
Tswa
Tsena
  • Setswana
  • Romela
  • Tse O ka Di Tlhophang
  • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
  • Melawana ya Tiriso
  • Molawana wa Tshireletsego
  • Di-setting Tsa Websaete
  • JW.ORG
  • Tsena
Romela