12 Gonne ke tla ralala lefatshe la Egepeto mo bosigong jono ke bo ke bolaya leitibolo lengwe le lengwe mo lefatsheng la Egepeto, go simolola ka motho go fitlha ka phologolo;+ mme ke tla atlhola medimo yotlhe ya Egepeto.+ Ke nna Jehofa.
12 Ke tla tshuba matlo* a medimo ya Egepeto ka molelo,+ mme ene o tla a fisa a bo a isa medimo eo botshwarwa. O tla ithathelela ka lefatshe la Egepeto fela jaaka modisa a ithathelela ka seaparo sa gagwe, mme o tla tswa koo ka kagiso.*
25 “Jehofa wa masomosomo, Modimo wa Iseraele, a re: ‘Jaanong ke otlhaya Amone+ yo o tswang kwa No,*+ Faro, Egepeto, medimo ya gagwe+ le dikgosi tsa gagwe. Ruri ke otlhaya Faro le botlhe ba ba mo ikanyang.’+
13 “Seno ke se Morena Molaodimogolo Jehofa a se buang: ‘Gape ke tla fedisa medingwana e e ferosang sebete* ke bo ke senya medimo e e se nang mosola ya Nofe.*+ Ga go kitla go tlhola go nna le kgosana e e tswang mo lefatsheng la Egepeto, mme ke tla dira gore lefatshe la Egepeto le welwe ke poifo.+