9 O ne a fisa ntlo ya ga Jehofa,+ ntlo ya kgosi+ le matlo otlhe a Jerusalema;+ gape o ne a fisa ntlo ya motho mongwe le mongwe wa maemo a a kwa godimo.+ 10 Mme mophato otlhe wa masole a Bakaladia o o neng o na le molaodi wa bafemedi o ne wa thuba dipota tse di dikologileng Jerusalema.+