-
1 Dikgosi 11:1-3Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
-
-
11 Le fa go ntse jalo, Kgosi Solomone o ne a rata basadi ba le bantsi ba ditšhaba tse dingwe+ mmogo le morwadia Faro:+ basadi ba Bamoabe,+ ba Baamone,+ ba Baedoma, ba Basidona+ le ba Bahite.+ 2 Ba ne ba tswa mo ditšhabeng tse Jehofa a neng a boleletse Baiseraele jaana ka tsone: “Ga lo a tshwanela go tlhakana le bone,* ka gonne ruri ba tla faposa dipelo tsa lona gore di sale medimo ya bone+ morago.” Le fa go ntse jalo, Solomone o ne a ba ngaparela e bile o ne a ba rata. 3 Mme o ne a na le basadi ba le 700 ba e neng e le bahumagadi le bagadingwana ba le 300, mme basadi ba gagwe ba ne ba faposa pelo ya gagwe ka iketlo.*
-