LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • Duteronome 28:53-57
    Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
    • 53 Foo o tla tshwanelwa ke go ja bana ba gago,* nama ya bomorwao le bomorwadio+ ba Jehofa, Modimo wa gago a go ba neileng, ka gonne tlhaselo eo e tla bo e le maswe thata e bile mmaba wa gago o tla bo a go tlisetsa matshwenyego.

      54 “Tota le monna yo o lorato thata le yo o neng a tlwaetse go tshela monate mo go wena, ga a kitla a bontsha morwarraagwe kgotsa mosadi wa gagwe yo a mo ratang kgotsa bomorwawe ba ba setseng kutlwelobotlhoko, 55 e bile ga a kitla a kgaogana le bone nama epe ya bomorwawe e a tla e jang, ka gonne a se na sepe se sengwe ka ntlha ya gore tlhaselo eo e tla bo e le maswe thata e bile mmaba wa gago o tla bo a go tlisetsa matshwenyego mo metseng ya gago.+ 56 Mme mosadi yo o bonolo le yo o neng a tlwaetse go tshela monate mo go wena yo o ka se kang a akanya go gata fa fatshe ka gonne a le bonolo,+ ga a kitla a bontsha monna wa gagwe yo a mo ratang kgotsa morwawe kgotsa morwadie kutlwelobotlhoko, 57 tota le motlhana o o tswang fa gare ga maoto a gagwe le bomorwawe ba a ba tshotseng ga a kitla a ba utlwela botlhoko, ka gonne o tla ba ja mo sephiring ka gore tlhaselo eo e tla bo e le maswe thata e bile mmaba wa gago o tla bo a go tlisetsa matshwenyego mo metseng ya gago.

  • 2 Dikgosi 25:3-7
    Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
    • 3 Mo letsatsing la borobongwe la kgwedi ya bonê, tlala e ne ya nna kgolo+ mo motseng mme batho ba lefatshe leo ba ne ba se na dijo.+ 4 Lobota lwa motse lo ne lwa thubiwa,+ mme masole otlhe a ne a tshaba go le bosigo ka kgoro e e fa gare ga dipota tse pedi gaufi le tshingwana ya kgosi, fa Bakaladia bone ba ne ba kampile go dikologa motse; mme kgosi e ne ya tsamaya ka tsela e e yang kwa Araba.+ 5 Le fa go ntse jalo, mophato wa masole a Bakaladia o ne wa lelekisa kgosi, mme o ne wa e fitlhela fa sekakeng sa Jeriko, mme mephato yotlhe ya gagwe e ne ya gasama ya mo tlogela. 6 Go tswa foo, ba ne ba tshwara kgosi eo+ ba bo ba e tlisa kwa kgosing ya Babelona kwa Ribela, mme ba ne ba e atlhola. 7 Ba ne ba bolaya bomorwa Sedekia a ntse a lebile; go tswa foo Nebukadenesare o ne a gonya Sedekia matlho, a mmofa ka dikeetane tsa kopore a bo a mo isa kwa Babelona.+

  • Isaia 3:1
    Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
    • 3 Gonne Morena wa boammaaruri, e bong Jehofa wa masomosomo,

      O tlosa mofuta mongwe le mongwe wa dilo tse Jerusalema le Juda di ikaegileng ka tsone,

      E leng metswedi yotlhe ya senkgwe le metsi,+

  • Esekiele 4:16
    Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
    • 16 Go tswa foo, o ne a nthaya a re: “Morwa motho, jaanong ke senya mabolokelo a senkgwe* mo Jerusalema,+ mme ba tla ja senkgwe sa bone sa bokete jo bo lekanyeditsweng ba le mo matshwenyegong a magolo,+ e bile ba tla nwa metsi a bone a a lekanyeditsweng ba tshogile.+

Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
Tswa
Tsena
  • Setswana
  • Romela
  • Tse O ka Di Tlhophang
  • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
  • Melawana ya Tiriso
  • Molawana wa Tshireletsego
  • Di-setting Tsa Websaete
  • JW.ORG
  • Tsena
Romela