LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • Jeremia 14:14
    Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
    • 14 Go tswa foo, Jehofa o ne a nthaya a re: “Baporofeti ba porofeta maaka ka leina la me.+ Ga ke a ba roma, ga ke a ba laela sepe e bile ga ke a bua le bone sepe.+ Ba lo porofetela ponatshegelo ya maaka le boitseanape jo bo se nang mosola le tsietso ya pelo ya bone.+

  • Jeremia 23:21
    Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
    • 21 Ga ke a ka ka roma baporofeti, le fa go ntse jalo ba ne ba taboga.

      Ga ke a ka ka ba bolelela sepe, le fa go ntse jalo ba ne ba porofeta.+

  • Jeremia 28:15
    Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
    • 15 Foo moporofeti Jeremia o ne a raya moporofeti Hanania+ a re: “Tsweetswee, Hanania reetsa! Jehofa ga a go roma, mme wena o dirile gore batho bano ba ikanye maaka.+

  • Jeremia 29:8, 9
    Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
    • 8 Gonne seno ke se Jehofa wa masomosomo, Modimo wa Iseraele, a se buang: “Lo se ka lwa letla baporofeti ba lona le baitseanape ba lona ba lo tsietsa,+ e bile lo se ka lwa reetsa ditoro tse ba di lorang. 9 Gonne ‘ba lo porofetela maaka ka leina la me. Ga ke a ba roma,’+ go bua Jehofa.”’”

  • Esekiele 13:6
    Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
    • 6 “Ba ba reng, ‘Jehofa o buile jaana,’ mme gone Jehofa a sa ba roma, ba bone diponatshegelo tse di seng boammaaruri e bile ba buile dipolelelopele tsa maaka, mme ba letetse gore lefoko la bone le diragale.+

Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
Tswa
Tsena
  • Setswana
  • Romela
  • Tse O ka Di Tlhophang
  • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
  • Melawana ya Tiriso
  • Molawana wa Tshireletsego
  • Di-setting Tsa Websaete
  • JW.ORG
  • Tsena
Romela