LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • Duteronome 28:15
    Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
    • 15 “Mme fa o sa reetse lentswe la ga Jehofa, Modimo wa gago e bile o sa diragatse ditaelo tsotlhe tsa gagwe le melao ya gagwe e ke go e laelang gompieno, diphutso tseno tsotlhe di tla tla mo go wena di le dintsi:+

  • Duteronome 28:48
    Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
    • 48 Jehofa o tla go romelela baba ba gago, mme o tla ba direla+ o tshwerwe ke tlala+ le lenyora, o apere diaparo tse e seng tsa sepe e bile o tlhoka sengwe le sengwe. O tla baya jokwe ya tshipi mo molaleng wa gago go fitlha a go nyeletsa.

  • 2 Dikgosi 25:11, 12
    Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
    • 11 Nebusaradane molaodi wa bafemedi o ne a tsaya batho botlhe ba ba neng ba setse mo motseng, batho ba ba neng ba ngwegetse kwa kgosing ya Babelona le batho ba bangwe botlhe a ba isa botshwarwa.+ 12 Le fa go ntse jalo, molaodi wa bafemedi o ne a tlogela bangwe ba batho ba ba humanegileng thata ba lefatshe leo gore ba bereke mo masimong a morara* le gore ba dire tiro e e boima e e patelediwang.+

Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
Tswa
Tsena
  • Setswana
  • Romela
  • Tse O ka Di Tlhophang
  • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
  • Melawana ya Tiriso
  • Molawana wa Tshireletsego
  • Di-setting Tsa Websaete
  • JW.ORG
  • Tsena
Romela