Jobe
10 “Ke tlhoile botshelo jwa me.+
Ke tla ntsha dingongorego tsa me.
Ke tla bua ke utlwile botlhoko!
2 Ke tla raya Modimo ke re: ‘O se ka wa ntshekisa o re ke molato.
Mpolelele gore ke eng fa o lwa le nna.
3 A o solegelwa molemo ke go nkgatelela,
Ke go nyatsa tiro ya diatla tsa gago+
Fa o ntse o amogela kgakololo ya batho ba ba bosula?
4 A o na le matlho a motho,
Kgotsa a o bona jaaka motho a bona?
5 A malatsi a gago a ntse fela jaaka a batho,
Kgotsa a dingwaga tsa gago di ntse jaaka tsa motho,+
6 Gore o batle molato wa me
Le gore o nne o senka boleo jwa me?+
8 Diatla tsa gago di mpopile tsa bo tsa ntira,+
Mme jaanong o tla nnyeletsa.
10 A ga o a ntsholola jaaka mashi
Wa bo wa nthemisa jaaka tšhisi?
11 O ne wa nkapesa ka letlalo le nama,
Wa bo wa ntoga ka marapo le mesifa.+
13 Mme o ne wa ikaelela go dira dilo tseno mo sephiring.*
Ke a itse gore dilo tseno di tswa kwa go wena.
14 Fa e le gore ke ne ke leofile, o ne o tla mpona,+
E bile o ne o ka se nkgolole mo boleong jwa me.
15 Fa e le gore ke molato, ruri ke utlwisa botlhoko!
Tota le fa e le gore ga ke molato, nka se kgone go tsholetsa tlhogo,+
Gonne ke tletse tlontlologo le pogisego.+
16 Fa ke tsholetsa tlhogo, o tla ntsoma jaaka tau+
O bo o dirisa maatla a gago gape gore o nkutlwise botlhoko.
17 O tlisa basupi ba gago ba bangwe fa pele ga me
E bile o nkgalefela tota,
Fa ke ntse ke tlelwa ke mathata ka go tlhomagana.
18 Ka jalo, goreng o ne wa nketsha* mo popelong?+
Nkabo ke ile ka swa pele ga ke bonwa ke ope.
19 Go ne go tla nna jaaka e kete ga ke ise nke ke nne teng;
Nkabo ke ile ka ntshiwa mo popelong ke bo ke isiwa kwa lebitleng.’
20 A malatsi a me ga a mmalwa?+ A a ntlogele;
A a fapose matlho a gagwe mo go nna, gore ke tle ke imologe*+
21 Pele ga ke tsamaya ke ya kwa lefelong le ke se kitlang ke boa kwa go lone,+
Ke ya kwa lefatsheng la lefifi le lentshontsho,*+
22 Ke ya kwa lefatsheng la maru a mantshontsho,
Lefatshe la moriti o montsho le tlhakatlhakano,
Kwa tota le lesedi le tshwanang le letobo.”