Dipesalema
Go mokaedi. Pina ya ga Dafide.
140 Ao tlhe Jehofa, nnamole mo bathong ba ba bosula;
Nkgolole mo bathong ba ba dikgoka,+
2 Ba ba logang maano a a bosula mo dipelong tsa bone+
Le ba ba bakang dikgotlhang letsatsi lotlhe.
3 Ba lootsa loleme lwa bone gore lo tshwane le lwa noga;+
Se ba se buang se utlwisa botlhoko fela jaaka botlhole jwa noga ya lebolobolo.+ (Selah)
4 Ao tlhe Jehofa, nkgolole mo diatleng tsa batho ba ba bosula;+
Nnamole mo bathong ba ba dikgoka,
Ba ba logang leano la go ntiga.
5 Ba ba mabela ba mphitlhela serai;
Ba tsharolola letlowa ka megala fa thoko ga tselana.+
Ba mpeela dirai.+ (Selah)
6 Ke raya Jehofa ke re: “O Modimo wa me.
Ao tlhe Jehofa, reetsa dithapelo tsa me tsa go kopa thuso.”+
7 Wena Morena Molaodimogolo Jehofa, Mmoloki wa me yo o nonofileng,
O sireletsa tlhogo ya me mo letsatsing la tlhabano.+
8 Ao tlhe Jehofa, o se ka wa letla gore batho ba ba bosula ba diragatse dikeletso tsa bone.
O se ka wa letla gore maano a bone a a bosula a atlege, gore ba se ka ba ikgodisa.+ (Selah)
9 E kete ditlhogo tsa ba ba ntikologileng
Di ka khurumediwa ke bosula jo ba bo buileng.+
10 E kete magala a a tukang a ka wela mo go bone.+
E kete ba ka latlhelwa mo molelong,
Mo dikhuting tse di botengteng,*+ gore ba se ka ba tlhola ba tsoga.
11 E kete motho yo o senyang batho leina a ka tlhoka lefelo mo lefatsheng.+
E kete bosula bo ka latelela batho ba ba dikgoka mme jwa ba kgemetha.
12 Ke a itse gore Jehofa o tla femela batho ba maemo a a kwa tlase
A bo a direla bahumanegi ka tshiamiso.+
13 Eleruri basiami ba tla ntshetsa leina la gago ditebogo;
Ba ba ikanyegang ba tla nna ba atamalane le wena.+