LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • Lefitiko 17
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

Dintlha Tsa Lefitiko

      • Motlaagana, lefelo la ditlhabelo (1-9)

      • Madi ga a tshwanela go jewa (10-14)

      • Melao e e amanang le diphologolo tse di suleng (15, 16)

Lefitiko 17:5

Ditshupiso

  • +Lef 3:1, 2; 7:11

Lefitiko 17:6

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “monate; ritibatsang.” Seheb., “lapolosang.”

Ditshupiso

  • +Lef 3:3-5; 7:29-31

Lefitiko 17:7

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “ntshetsa dipodi.”

Ditshupiso

  • +Dut 32:17; Jos 24:14
  • +Ek 34:15; Dut 31:16

Lefitiko 17:9

Ditshupiso

  • +Lef 1:3; Dut 12:5, 6, 13, 14

Lefitiko 17:10

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Go tewa madi a setshedi sepe fela.

Ditshupiso

  • +Ge 9:4; Lef 3:17; 7:26; 19:26; 1Sa 14:33; Dit 15:20, 29

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    11/15/2014, ts. 10-⁠11

    “Lokwalo Longwe le Longwe,” ts. 29

Lefitiko 17:11

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “ne′phesh.” Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko.

  • *

    Seheb., “ne′phesh.” Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko.

Ditshupiso

  • +Lef 17:14; Dut 12:23
  • +Lef 8:15; 16:18
  • +Mat 26:28; Bar 3:25; 5:9; Bae 1:7; Bah 9:22; 13:12; 1Pe 1:2; 1Jo 1:7; Tsh 1:5

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    ‘Lorato Lwa Modimo,’ ts. 75

    Tora ya Tebelo,

    6/15/2004, ts. 15

Lefitiko 17:12

Ditshupiso

  • +Ek 12:49
  • +Dut 12:23

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    6/15/2004, ts. 15

Lefitiko 17:13

Ditshupiso

  • +Dut 12:16; 15:23

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    E re Ruta Eng?, ts. 139

    Baebele e Ruta Eng, ts. 129

    Tora ya Tebelo,

    6/15/2004, ts. 15

    10/15/2000,

    ts. 30-⁠31

Lefitiko 17:14

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “ne′phesh.” Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko.

  • *

    Seheb., “ne′phesh.” Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko.

  • *

    Seheb., “ne′phesh.” Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko.

Ditshupiso

  • +Lef 17:10, 11

Lefitiko 17:15

Ditshupiso

  • +Ek 22:31; Dut 14:21
  • +Lef 11:40

Lefitiko 17:16

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “nama ya gagwe.”

Ditshupiso

  • +Dip 19:20

Ditemana Tse dingwe

Lefi. 17:5Lef 3:1, 2; 7:11
Lefi. 17:6Lef 3:3-5; 7:29-31
Lefi. 17:7Dut 32:17; Jos 24:14
Lefi. 17:7Ek 34:15; Dut 31:16
Lefi. 17:9Lef 1:3; Dut 12:5, 6, 13, 14
Lefi. 17:10Ge 9:4; Lef 3:17; 7:26; 19:26; 1Sa 14:33; Dit 15:20, 29
Lefi. 17:11Lef 17:14; Dut 12:23
Lefi. 17:11Lef 8:15; 16:18
Lefi. 17:11Mat 26:28; Bar 3:25; 5:9; Bae 1:7; Bah 9:22; 13:12; 1Pe 1:2; 1Jo 1:7; Tsh 1:5
Lefi. 17:12Ek 12:49
Lefi. 17:12Dut 12:23
Lefi. 17:13Dut 12:16; 15:23
Lefi. 17:14Lef 17:10, 11
Lefi. 17:15Ek 22:31; Dut 14:21
Lefi. 17:15Lef 11:40
Lefi. 17:16Dip 19:20
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
  • 1
  • 2
  • 3
  • 4
  • 5
  • 6
  • 7
  • 8
  • 9
  • 10
  • 11
  • 12
  • 13
  • 14
  • 15
  • 16
Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
Lefitiko 17:1-16

Lefitiko

17 Jehofa o ne a tswelela a raya Moshe a re: 2 “Bua le Arone le bomorwawe le Baiseraele botlhe mme o ba reye o re, ‘Seno ke se Jehofa a se laetseng:

3 “‘“Fa Moiseraele a tlhabela poo kgotsa phelefu e potlana kgotsa podi mo kampeng kgotsa a e tlhabela kwa ntle ga kampa, 4 go na le gore a e tlise kwa kgorong ya tente ya bokopanelo gore a e isetse Jehofa e le setlhabelo fa pele ga motlaagana wa ga Jehofa, motho yoo o tla nna le molato wa madi. O tsholotse madi, mme motho yoo o tshwanetse go bolawa. 5 Seno se tla dirwa e le gore Baiseraele ba ise ditlhabelo kwa go Jehofa kwa kgorong ya tente ya bokopanelo kwa moperesiting, ditlhabelo tse gone jaanong ba di ntshetsang kwa nageng. Ba di ntshetse Jehofa e le ditlhabelo tsa go abelana.+ 6 Mme moperesiti o tla kgatšha madi mo sebesong sa ga Jehofa se se kwa kgorong ya tente ya bokopanelo a bo a fisa mafura gore a kuise mosi e le lonko lo lo itumedisang* lo lo yang kwa go Jehofa.+ 7 Gore ba se ka ba tlhola ba ntshetsa madimona a a tshwanang le dipodi* ditlhabelo,+ a ba akafalang le one.+ Ono e tla nna molao o o tla nnelang ruri mo go lona mo dikokomaneng tsotlhe tsa lona.”’

8 “O ba reye o re, ‘Moiseraele kgotsa motswakwa ope yo o agileng le lona yo o isang setlhabelo se se fisiwang kgotsa setlhabelo se sengwe, 9 mme a sa se tlise kwa kgorong ya tente ya bokopanelo gore a se isetse Jehofa, o tshwanetse go bolawa.+

10 “‘Fa Moiseraele kgotsa motswakwa yo o agileng le lona a ja madi* a mofuta ope fela,+ ruri ke tla galefela motho yoo yo o jang madi, mme ke tla mmolaya. 11 Gonne botshelo* jwa nama bo mo mading,+ mme nna ke lo a neile gore lo a ntshe mo sebesong+ gore maleo a lona a itshwarelwe ka gonne madi ke one a dirang gore lo itshwarelwe maleo+ ka ntlha ya botshelo* jo bo mo go one. 12 Ke gone ka moo ke reileng Baiseraele ka re: “Go se nne le ope wa lona yo o jang madi e bile go se nne le motswakwa ope yo o agileng le lona+ yo o jang madi.”+

13 “‘Fa mongwe wa Baiseraele kgotsa motswakwa ope yo o agileng le lona a tsoma a bo a tshwara phologolo ya naga kgotsa nonyane e e ka jewang, o tshwanetse go tsholola madi a yone+ a bo a a katela. 14 Gonne botshelo* jwa nama ya mofuta mongwe le mongwe ke madi a yone ka gonne botshelo* bo mo go one. Ka jalo, ke ne ka raya Baiseraele ka re: “Ga lo a tshwanela go ja madi a nama ya mofuta ope fela, ka gonne botshelo* jwa nama ya mofuta mongwe le mongwe ke madi a yone. Ope fela yo o a a jang o tla bolawa.”+ 15 Fa motho ope fela, e ka tswa e le motho wa mo lefelong la lona kgotsa motswakwa, a ja nama ya phologolo e e fitlhetsweng e sule kgotsa e e gagogantsweng ke sebatana,+ foo o tshwanetse go tlhatswa diaparo tsa gagwe a bo a tlhapa ka metsi mme o tla itshekologa go fitlha maitseboa;+ go tswa foo o tla itsheka. 16 Mme fa a sa di tlhatswe e bile a sa tlhape mmele wa gagwe,* o tla otlhaelwa phoso ya gagwe.’”+

Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
Tswa
Tsena
  • Setswana
  • Romela
  • Tse O ka Di Tlhophang
  • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
  • Melawana ya Tiriso
  • Molawana wa Tshireletsego
  • Di-setting Tsa Websaete
  • JW.ORG
  • Tsena
Romela