Jobe
21 Jobe o ne a araba a re:
2 “Reetsang ka kelotlhoko se ke se buang;
A seno e nne kgomotso e lo e nnayang.
3 Lo se ka lwa mphelela pelo fa ke ntse ke bua;
Fa ke sena go bua, foo lo ka nna lwa ntshotla.+
4 A ke ngongorega ka motho?
Fa go ne go ntse jalo, a ke* ne nka se fele pelo?
5 Ntebeng mme lo rotole matlho lo gakgametse;
Bayang diatla tsa lona mo melomong ya lona.
6 Fa ke akanya ka gone, ke a tshwenyega,
E bile mmele otlhe wa me o a roroma.
8 Bana ba bone ba nna le bone ka metlha,
Mme ba feleletsa ba bone ditlogolwana tsa bone.
9 Matlo a bone a sireletsegile, ga go na sepe se ba se boifang,+
E bile Modimo ga a ba otlhaye ka thobane ya gagwe.
10 Dipoo tsa bone ga di kgaotse go gwela;
Dikgomo tsa bone di a tsala mme ga di folotse.
11 Basimane ba bone ba taboga kwa ntle fela jaaka letsomane,
Mme bana ba bone ba a tlolaka.
14 Le fa go ntse jalo, ba raya Modimo wa boammaaruri ba re, ‘Re tlogele!
Ga re batle go itse ditsela tsa gago.+
15 Mothatayotlhe ke mang, gore re mo direle?+
Re tla boelwa ke eng fa re mo itse?’+
16 Mme ke a itse gore ga ba na maatla a go dira gore dilo di ba tsamaele sentle.+
Ga ke akanye jaaka batho ba ba bosula.+
17 Ke ga kae lobone lwa batho ba ba bosula lo timiwa?+
Ke ga kae ba welwa ke masetlapelo?
Ke ga kae Modimo a ba otlhaya a galefile?
18 A ba kile ba nna jaaka lotlhaka mo phefong
Le jaaka mmoko o o phepheulwang ke phefo ya matsubutsubu?
19 Modimo o tla boloka kotlhao ya motho a e bolokela barwa ba gagwe.
Mme e kete Modimo a ka mo duela gore a tle a itse ka gone.+
20 E kete matlho a gagwe a ka bona fa a senngwa,
Mme e kete e ka nna ene a nwang tšhakgalo ya Mothatayotlhe.+
21 Gonne a o kgathala ka se se diregang mo ntlong ya gagwe fa a sena go swa
23 Motho mongwe o swa a sa ntse a na le matlhagatlhaga+
A se na matshwenyego gotlhelele e bile a iketlile,+
24 Dirope tsa gagwe di tletse mafura
Le marapo a gagwe a nonofile.*
25 Mme motho yo mongwe o swa a tshwenyegile thata,*
A ise a ke a latswe dilo tse di molemo.
28 Gonne lwa re, ‘E kae ntlo ya motho yo o tlotlegang,
E bile e kae tente e motho yo o bosula a nnang mo go yone?’+
29 A ga lo a botsa batsamai?
A ga lo a ithuta ka kelotlhoko dilo tse ba di lemogileng,*
30 Gore yo o bosula o a bolokwa mo letsatsing la masetlapelo,
Le gore o a gololwa mo letsatsing la tšhakgalo?
31 Ke mang yo o ka mmolelelang gore ga a itshware sentle,
E bile ke mang yo o tla mo otlhaelang se a se dirileng?
32 Fa a isiwa kwa mabitleng,
Lebitla la gagwe le tla nna le disitswe.
33 Makwete a mmu wa mokgatšha* a tla nna botshe mo go ene,+
Mme batho botlhe ba mo sala morago*+
Fela jaaka ba bantsi ba ba kwa pele ga gagwe.
34 Ka jalo, goreng lo nnaya kgomotso e e se nang mosola?+
Dikarabo tsa lona ke tsietso fela!”