Diane
2 Latela ditaelo tsa me, mme o tswelele o tshela;+
A molao wa me o nne botlhokwa mo go wena jaaka thaka ya leitlho la gago.
4 Raya botlhale o re, “O kgaitsadiake,”
Mme o bitse tlhaloganyo o re “wa losika lwa me,”
5 Gore di go sireletse mo mosading yo o duleng mo tseleng,*+
Le mo mosading yo o dirang boitsholo jo bo sa siamang* le mo mafokong a gagwe a a tsietsang.+
6 Ke ne ka leba kwa tlase ka fensetere,
Ka letlhabaphefo la ntlo ya me,
7 Mme fa ke ntse ke lebile ba ba se nang maitemogelo,
Ke ne ka bona lekawana lengwe le le seng botlhale.+
8 Le ne le feta ka tsela e e gaufi le khona ya mosadi yoo,
Mme le ne le gwanta le ya ntlheng ya ntlo ya gagwe
Fa go nna bosigo e bile go nna lefifi.
10 Foo ke ne ka bona mosadi mongwe a mo kgatlhantsha,
11 O modumo e bile o tlhogoethata.+
Ga a ke a nna* mo gae.
13 O a mo tshwara a bo a mo suna;
O bua jaana a sa tlhabiwe ke ditlhong:
14 “Ke tshwanetse go ntsha ditlhabelo tsa go abelana.+
Gompieno ke diragaditse maikano a me.
15 Ke gone ka moo ke tlileng go go kgatlhantsha,
Ke tlileng go go batla, mme ke go bone!
17 Ke kgatšhitse bolao jwa me ka borekhu jo bo nkgang monate,* mekgwapha* le sinamone.+
18 Tlaa, a re robale mmogo go fitlha mo mosong;*
A re tlhakanele dikobo,
19 Gonne monna wa me ga a yo mo gae;
O tsere loeto lo loleele.
20 O tsere kgetsana ya madi,
Mme ga a kitla a boa go fitlha ka letsatsi la ngwedi yo o tletseng.”
21 Mosadi yono o mo faposa ka go mo tlhotlheletsa thata.+
O mo tsietsa ka mafoko a a borethe.
22 Ka tshoganyetso fela o mo sala morago jaaka poo e e yang go tlhabiwa,
Le jaaka seeleele se se yang go tsenngwa mo dikoteng tsa go golega,*+
23 Fela jaaka nonyane e e itlhaganelelang kwa seraing, ga a itse gore seo se tla fedisa botshelo* jwa gagwe;+
Go fitlha motswi o phunyeletsa sebete sa gagwe.
24 Mme jaanong bomorwaaka, ntheetseng;
Tlhwaelang tsebe mafoko a ke a buang.
25 Lo se ka lwa letla dipelo tsa lona di fapogela kwa ditseleng tsa gagwe.
Lo se ka lwa timelela kwa ditselaneng tsa gagwe,+
26 Gonne o dirile gore batho ba le bantsi ba swe setlhogo,+
E bile batho ba a ba bolaileng ba bantsi.+
27 Ntlo ya gagwe e isa kwa Lebitleng;*
E fologela kwa diphaposing tse di kwa tengteng tsa loso.