LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • Lefitiko 20
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

Dintlha Tsa Lefitiko

      • Go obamela Moleke; go dirisana le badimo (1-6)

      • Nna boitshepo e bile o tlotle batsadi (7-9)

      • Batho ba ba dirang boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo ba tshwanetse go bolawa (10-21)

      • Nnang boitshepo gore lo nne mo lefatsheng (22-26)

      • Batho ba ba dirisanang le badimo ba tshwanetse go bolawa (27)

Lefitiko 20:2

Ditshupiso

  • +Lef 18:21; Dut 18:10

Lefitiko 20:3

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “ke tla mmolaya.”

Ditshupiso

  • +Esk 5:11

Lefitiko 20:4

Ditshupiso

  • +Dut 13:6-9

Lefitiko 20:5

Ditshupiso

  • +Ek 20:5

Lefitiko 20:6

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “gore a gwebe ka mmele ka tsela ya tshwantshetso.”

  • *

    Seheb., “ne′phesh.” Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko.

Ditshupiso

  • +Lef 19:31; Dut 18:10-12; Bag 5:19, 20; Tsh 21:8
  • +Lef 20:27; Dit 16:16
  • +1Dt 10:13

Lefitiko 20:7

Ditshupiso

  • +Lef 11:44; 1Pe 1:15, 16

Lefitiko 20:8

Ditshupiso

  • +Lef 18:4; Mor 12:13
  • +Ek 31:13; Lef 21:8; 1Bt 5:23; 2Bt 2:13

Lefitiko 20:9

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “hutsang.”

Ditshupiso

  • +Ek 21:17; Dut 27:16; Dia 20:20; Mat 15:4

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    5/15/2004, ts. 24

Lefitiko 20:10

Ditshupiso

  • +Dut 5:18; 22:22; Bar 7:3; 1Bk 6:9, 10

Lefitiko 20:11

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “bipolotse bosaikategang jwa ga rraagwe.”

Ditshupiso

  • +Lef 18:8; Dut 27:20

Lefitiko 20:12

Ditshupiso

  • +Lef 18:15, 29

Lefitiko 20:13

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “Fa monna a robala le monna ka tsela e e tshwanang le e a robalang le mosadi ka yone.”

Ditshupiso

  • +Ge 19:5; Lef 18:22; Baa 19:22; Bar 1:26, 27; 1Bk 6:9, 10; Jude 7

Lefitiko 20:14

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “ke boitshwaro jo bo tlhabisang ditlhong; selo se se ferosang sebete.”

Ditshupiso

  • +Lef 18:17; Dut 27:23
  • +Lef 21:9

Lefitiko 20:15

Ditshupiso

  • +Ek 22:19; Dut 27:21

Lefitiko 20:16

Ditshupiso

  • +Lef 18:23

Lefitiko 20:17

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “bipolotse bosaikategang jwa ga kgaitsadie.”

Ditshupiso

  • +Lef 18:9; Dut 27:22

Lefitiko 20:18

Ditshupiso

  • +Lef 18:19

Lefitiko 20:19

Ditshupiso

  • +Lef 18:12, 13

Lefitiko 20:20

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “bipolotse bosaikategang jwa ga rramogoloagwe kgotsa rangwanaagwe.”

Ditshupiso

  • +Lef 18:14

Lefitiko 20:21

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “bipolotse bosaikategang jwa ga morwarraagwe.”

Ditshupiso

  • +Lef 18:16; Dut 25:5

Lefitiko 20:22

Ditshupiso

  • +Ek 21:1; Dut 5:1
  • +Mor 12:13
  • +Lef 18:26, 28

Lefitiko 20:23

Ditshupiso

  • +Lef 18:3, 24; Dut 12:30
  • +Lef 18:27; Dut 9:5

Lefitiko 20:24

Ditshupiso

  • +Ek 3:17; 6:8; Dut 8:7-9; Esk 20:6
  • +Ek 19:5; 33:16; 1Dk 8:53; 1Pe 2:9

Lefitiko 20:25

Ditshupiso

  • +Lef 11:46, 47; Dut 14:4-20
  • +Lef 11:43

Lefitiko 20:26

Ditshupiso

  • +Lef 19:2; Pes. 99:5; 1Pe 1:15, 16; Tsh 4:8
  • +Dut 7:6

Lefitiko 20:27

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “yo o nang le moya wa go bolelela dilo pele.”

Ditshupiso

  • +Ek 22:18; Lef 19:31; 20:6; Dut 18:10-12; Tsh 21:8

Ditemana Tse dingwe

Lefi. 20:2Lef 18:21; Dut 18:10
Lefi. 20:3Esk 5:11
Lefi. 20:4Dut 13:6-9
Lefi. 20:5Ek 20:5
Lefi. 20:6Lef 19:31; Dut 18:10-12; Bag 5:19, 20; Tsh 21:8
Lefi. 20:6Lef 20:27; Dit 16:16
Lefi. 20:61Dt 10:13
Lefi. 20:7Lef 11:44; 1Pe 1:15, 16
Lefi. 20:8Lef 18:4; Mor 12:13
Lefi. 20:8Ek 31:13; Lef 21:8; 1Bt 5:23; 2Bt 2:13
Lefi. 20:9Ek 21:17; Dut 27:16; Dia 20:20; Mat 15:4
Lefi. 20:10Dut 5:18; 22:22; Bar 7:3; 1Bk 6:9, 10
Lefi. 20:11Lef 18:8; Dut 27:20
Lefi. 20:12Lef 18:15, 29
Lefi. 20:13Ge 19:5; Lef 18:22; Baa 19:22; Bar 1:26, 27; 1Bk 6:9, 10; Jude 7
Lefi. 20:14Lef 18:17; Dut 27:23
Lefi. 20:14Lef 21:9
Lefi. 20:15Ek 22:19; Dut 27:21
Lefi. 20:16Lef 18:23
Lefi. 20:17Lef 18:9; Dut 27:22
Lefi. 20:18Lef 18:19
Lefi. 20:19Lef 18:12, 13
Lefi. 20:20Lef 18:14
Lefi. 20:21Lef 18:16; Dut 25:5
Lefi. 20:22Ek 21:1; Dut 5:1
Lefi. 20:22Mor 12:13
Lefi. 20:22Lef 18:26, 28
Lefi. 20:23Lef 18:3, 24; Dut 12:30
Lefi. 20:23Lef 18:27; Dut 9:5
Lefi. 20:24Ek 3:17; 6:8; Dut 8:7-9; Esk 20:6
Lefi. 20:24Ek 19:5; 33:16; 1Dk 8:53; 1Pe 2:9
Lefi. 20:25Lef 11:46, 47; Dut 14:4-20
Lefi. 20:25Lef 11:43
Lefi. 20:26Lef 19:2; Pes. 99:5; 1Pe 1:15, 16; Tsh 4:8
Lefi. 20:26Dut 7:6
Lefi. 20:27Ek 22:18; Lef 19:31; 20:6; Dut 18:10-12; Tsh 21:8
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
  • 1
  • 2
  • 3
  • 4
  • 5
  • 6
  • 7
  • 8
  • 9
  • 10
  • 11
  • 12
  • 13
  • 14
  • 15
  • 16
  • 17
  • 18
  • 19
  • 20
  • 21
  • 22
  • 23
  • 24
  • 25
  • 26
  • 27
Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
Lefitiko 20:1-27

Lefitiko

20 Jehofa o ne a tswelela a bua le Moshe a re: 2 “O reye Baiseraele o re, ‘Motho ope wa Iseraele le motswakwa ope yo o agileng mo Iseraele yo o nayang modingwana yo o bidiwang Moleke bana bape ba gagwe o tshwanetse go bolawa.+ Batho ba lefatshe ba mo kgobotletse ka maje go fitlha a swa. 3 Mme nna ke tla galefela motho yoo mme ke tla mo kgaola* mo bathong ba gagabo ka gonne a neetse Moleke bangwe ba bana ba gagwe e bile a leswafaditse lefelo la me le le boitshepo+ gape a leswafaditse leina la me le le boitshepo. 4 Fa batho ba lefatshe leno ba itlhokomolosa ka boomo se motho yoo a se dirang ka go naya Moleke bana ba gagwe mme ba sa mmolaye,+ 5 foo nna ke tla galefela motho yoo le ba lelapa la gagwe.+ Ke tla bolaya motho yoo ke mo tlosa mo bathong ba gagabo mmogo le botlhe ba ba kopanelang le ene mo go akafaleng le Moleke.

6 “‘Fa e le motho yo o yang kwa go ba ba buisanang le badimo+ le ba ba bolelelang ditiragalo pele+ gore a se ka a ikanyega mo go nna,* ruri ke tla galefela motho* yoo ke bo ke mmolaya ke mo tlosa mo bathong ba gagabo.+

7 “‘Lo tshwanetse go iphepafatsa gore lo nne boitshepo+ ka gonne ke nna Jehofa, Modimo wa lona. 8 Mme lo tshwanetse go boloka melao ya me lo bo lo e dire.+ Ke nna Jehofa, yo o lo dirang boitshepo.+

9 “‘Fa go na le motho ope yo o tlhapatsang* rraagwe kgotsa mmaagwe, o tshwanetse go bolawa.+ E re ka a tlhapaditse rraagwe kgotsa mmaagwe, madi a gagwe a mo go ene.

10 “‘Jaanong seno ke se se tla diragalelang monna yo o dirang boaka le mosadi wa monna yo mongwe: Yo o dirang boaka le mosadi wa monna yo mongwe o tshwanetse go bolawa, monna yo o dirileng boaka mmogo le mosadi yo o dirileng boaka.+ 11 Monna yo o tlhakanelang dikobo le mosadi wa ga rraagwe o tlhabisitse rraagwe ditlhong.*+ Boobabedi ba tshwanetse go bolawa. Madi a bone a mo go bone. 12 Fa monna a tlhakanela dikobo le ngwetsi ya gagwe, boobabedi ba tshwanetse go bolawa. Ba tlodile taelo ya Modimo. Madi a bone a mo go bone.+

13 “‘Fa monna a tlhakanela dikobo le monna yo mongwe,* boobabedi ba dirile selo se se makgapha.+ Ba tshwanetse go bolawa. Madi a bone a mo go bone.

14 “‘Fa monna a tlhakanela dikobo le mosadi le mmaagwe, ke selo se se maswe thata.*+ Ba mo fise mmogo le bone mo molelong+ gore boitshwaro joo jo bo maswe thata bo se ka jwa tswelela mo gare ga lona.

15 “‘Fa monna a tlhakanela dikobo le phologolo, ruri o tshwanetse go bolawa, phologolo eo le yone e bolawe.+ 16 Fa mosadi a leka go tlhakanela dikobo le phologolo epe fela,+ lo tshwanetse go bolaya mosadi yoo le phologolo eo. Ruri ba tshwanetse go bolawa. Madi a bone a mo go bone.

17 “‘Fa monna a tlhakanela dikobo le kgaitsadie, morwadiarraagwe kgotsa morwadiammaagwe, ke matlhabisaditlhong.+ Ba tshwanetse go bolawa fa pele ga batho ba gabone. O tlhabisitse kgaitsadie ditlhong.* O tla otlhaelwa molato wa gagwe.

18 “‘Fa monna a tlhakanela dikobo le mosadi yo o mo kgweding, ene le mosadi yoo ba bontsha gore ga ba tseye madi a le boitshepo.+ Boobabedi ba tshwanetse go bolawa.

19 “‘Ga o a tshwanela go tlhakanela dikobo le mmamogoloago kgotsa mmangwanaago kgotsa rakgadiago ka gonne seo e tla bo e le go tlhabisa wa losika ditlhong.+ Ba tla otlhaelwa molato wa bone. 20 Monna yo o tlhakanelang dikobo le mosadi wa ga rramogoloagwe kgotsa rangwanaagwe o mo tlhabisa ditlhong.*+ Ba tla otlhaelwa boleo jwa bone. A ba swe ba se na bana. 21 Fa monna a tsaya mosadi wa ga monnawe kgotsa mogolowe, ke selo se se ilegang.+ O tlhabisitse monnawe kgotsa mogolowe ditlhong.* A ba nne ba se na bana.

22 “‘Lo tshwanetse go boloka melao ya me yotlhe le ditshwetso tsa me tsotlhe tsa boatlhodi+ lo bo lo di dire,+ gore lefatshe le ke lo isang kwa go lone gore lo ye go le rua le se ka la lo tlhatsetsa kwa ntle.+ 23 Ga lo a tshwanela go tsamaya mo melaong ya ditšhaba tse ke di lelekang fa pele ga lona;+ ka gonne di dirile dilo tseno tsotlhe mme ke a di ila.+ 24 Ke gone ka moo ke neng ka lo raya ka re: “Lo tla gapa lefatshe la bone, mme ke tla le lo naya gore e nne thuo ya lona, lefatshe le le elelang mashi le tswina ya dinotshe.+ Ke nna Jehofa, Modimo wa lona, yo o lo tlhaotseng mo ditšhabeng.”+ 25 Lo tshwanetse go farologanya phologolo e e itshekileng le e e sa itshekang le nonyane e e sa itshekang le e e itshekileng;+ ga lo a tshwanela go dira gore lo nne makgapha ka ntlha ya phologolo kgotsa nonyane kgotsa sepe fela se se gagabang mo lefatsheng se ke se lo tlhaoletseng gore lo se tseye se itshekologile.+ 26 Lo tshwanetse go nna boitshepo mo go nna ka gonne nna Jehofa, ke boitshepo,+ mme ke lo tlhaola mo ditšhabeng gore lo nne ba me.+

27 “‘Monna kgotsa mosadi ope yo o dirisanang le badimo kgotsa yo o bolelelang ditiragalo pele,* o tshwanetse go bolawa.+ Batho ba ba kgobotletse ka maje go fitlha ba swa. Madi a bone a mo go bone.’”

Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
Tswa
Tsena
  • Setswana
  • Romela
  • Tse O ka Di Tlhophang
  • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
  • Melawana ya Tiriso
  • Molawana wa Tshireletsego
  • Di-setting Tsa Websaete
  • JW.ORG
  • Tsena
Romela