Ditiragalo wa Ntlha
5 Bomorwa Jafethe e ne e le Gomere, Magogo, Madai, Jafane, Tubale,+ Mesheke+ le Tirase.+
6 Bomorwa Gomere e ne e le Ashekenase, Rifathe le Togarema.+
7 Bomorwa Jafane e ne e le Elishahe, Tareshishe, Kitime le Rodanime.
8 Bomorwa Hame e ne e le Kushe,+ Miseraime, Pute le Kanana.+
9 Bomorwa Kushe e ne e le Seba,+ Hafila, Sabatahe, Raama+ le Sabateka.
Bomorwa Raama e ne e le Sheba le Dedane.+
10 Kushe o ne a nna rraagwe Nimerode.+ Nimerode o ne a nna motho wa ntlha go nna le maatla mo lefatsheng.
11 Miseraime o ne a nna rraagwe Ludime,+ Anamime, Lehabime, Nafetuhime,+ 12 Paterusime,+ Kaseluhime (yo Bafilisitia+ ba neng ba tswa mo go ene) le Kafetorime.+
13 Kanana o ne a nna rraagwe Sidona,+ leitibolo la gagwe, le Hethe.+ 14 O ne a nna rremogolo wa Bajebuse,+ Baamore,+ Bagiregashe,+ 15 Bahife,+ Baarika, Basine, 16 Baarefade,+ Basemare le Bahamathe.
18 Arepakeshade o ne a nna rraagwe Shela,+ mme Shela o ne a nna rraagwe Ebere.
19 Ebere o ne a tsholelwa bana ba babedi ba basimane. Leina la yo mongwe e ne e le Pelege,*+ ka gonne ka nako ya fa a ne a tshela, lefatshe le ne le* kgaogane. Leina la ga morwarraagwe e ne e le Joketane.
20 Joketane o ne a nna rraagwe Alemodade, Shelefe, Hasaremafethe, Jera,+ 21 Hadorame, Usale, Dikela, 22 Obale, Abimaele, Sheba, 23 Ofire,+ Hafila+ le Jobabe; bano botlhe e ne e le bomorwa Joketane.
24 Sheme,
Arepakeshade,
Shela,
25 Ebere,
Pelege,+
Reu,+
26 Seruge,+
Nahore,+
Tera,+
27 Aberame, go tewa Aborahame.+
28 Bomorwa Aborahame e ne e le Isake+ le Ishemaele.+
29 Ano ke malapa a bone: Leitibolo la ga Ishemaele ke Nebaiothe,+ go bo go latela Kedare,+ Adebeele, Mibesame,+ 30 Mishema, Duma, Masa, Hadade, Tema, 31 Jeture, Nafishe le Kedema. Bano e ne e le bomorwa Ishemaele.
32 Barwa ba ba neng ba tsholwa ke Ketura,+ mogadingwana wa ga Aborahame, e ne e le Simerane, Jokeshane, Medane, Midiana,+ Ishebake le Shuahe.+
Bomorwa Jokeshane e ne e le Sheba le Dedane.+
33 Bomorwa Midiana e ne e le Efahe,+ Efere, Hanoke, Abida le Eledaa.
Bano botlhe e ne e le bomorwa Ketura.
34 Aborahame o ne a nna rraagwe Isake.+ Bomorwa Isake e ne e le Esau+ le Iseraele.+
35 Bomorwa Esau e ne e le Elifase, Reuele, Jeushe, Jalame le Kora.+
36 Bomorwa Elifase e ne e le Temane,+ Omare, Sefo, Gatame, Kenase, le Amaleke+ yo a mo tshotseng le Timena.
37 Bomorwa Reuele e ne e le Nahathe, Sera, Shammahe le Misa.+
38 Bomorwa Seire+ e ne e le Lotane, Shobale, Sibeone, Anahe, Dishone, Esere le Dishane.+
39 Bomorwa Lotane e ne e le Hori le Homame. Kgaitsadie Lotane e ne e le Timena.+
40 Bomorwa Shobale e ne e le Alefane, Manahathe, Ebale, Shefo le Oname.
Bomorwa Sibeone e ne e le Aia le Anahe.+
41 Morwa* Anahe e ne e le Dishone.
Bomorwa Dishone e ne e le Hemedane, Eshebane, Itherane le Kerane.+
42 Bomorwa Esere+ e ne e le Bilehane, Saafane le Akane.
Bomorwa Dishane e ne e le Use le Arane.+
43 Tseno ke dikgosi tse di neng di busa mo lefatsheng la Edoma+ pele ga kgosi epe e busa Baiseraele:*+ Bela morwa Beore; leina la motse wa gagwe e ne e le Dinehaba. 44 Fa Bela a swa, Jobabe morwa Sera yo o tswang kwa Bosera+ o ne a simolola go busa mo boemong jwa gagwe. 45 Fa Jobabe a swa, Hushame yo o tswang kwa lefatsheng la Batemane o ne a simolola go busa mo boemong jwa gagwe. 46 Fa Hushame a swa, Hadade morwa Bedade, yo o neng a fenya Midiana mo kgaolong* ya Moabe, o ne a simolola go busa mo boemong jwa gagwe. Leina la motse wa gagwe e ne e le Afithe. 47 Fa Hadade a swa, Samela yo o tswang kwa Masereka o ne a simolola go busa mo boemong jwa gagwe. 48 Fa Samela a swa, Shaulo yo o tswang kwa Rehobothe fa thoko ga Noka, o ne a simolola go busa mo boemong jwa gagwe. 49 Fa Shaulo a swa, Baale-hanane morwa Akabore o ne a simolola go busa mo boemong jwa gagwe. 50 Fa Baale-hanane a swa, Hadade o ne a simolola go busa mo boemong jwa gagwe. Leina la motse wa gagwe e ne e le Pau, mme leina la mosadi wa gagwe e ne e le Mehetabele morwadia Materede, morwadia Mesahabe. 51 Go tswa foo, Hadade o ne a swa.
Dikgosana* tsa Edoma e ne e le Kgosana Timena, Kgosana Alefa, Kgosana Jethethe,+ 52 Kgosana Oholibama, Kgosana Ela, Kgosana Pinone, 53 Kgosana Kenase, Kgosana Temane, Kgosana Mibesare, 54 Kgosana Magediele le Kgosana Irame. Tseno e ne e le dikgosana tsa Edoma.