LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • 1 Ditiragalo 13
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

Dintlha Tsa 1 Ditiragalo

      • Letlole le tsewa kwa Kiriathe-jearime (1-14)

        • Usa o a bolawa (9, 10)

1 Ditiragalo 13:1

Ditshupiso

  • +1Dt 15:25

1 Ditiragalo 13:2

Ditshupiso

  • +Dip 35:2

1 Ditiragalo 13:3

Ditshupiso

  • +1Sa 7:2
  • +1Sa 14:18

1 Ditiragalo 13:5

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “go simologa kwa Shihore.”

  • *

    Kgotsa “kwa kgorong ya Hamathe.”

Ditshupiso

  • +Dip 34:2, 8
  • +1Sa 6:21-7:1; 2Sa 6:1, 2; 1Dt 15:3

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    10/1/2005, ts. 10

1 Ditiragalo 13:6

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa gongwe “fa gare ga.”

Ditshupiso

  • +Jos 15:9, 12
  • +Ek 25:22; Dip 7:89; 1Sa 4:4; 2Sa 6:2

1 Ditiragalo 13:7

Ditshupiso

  • +Ek 37:5
  • +2Sa 6:3-8

1 Ditiragalo 13:8

Ditshupiso

  • +Ek 15:20
  • +1Dt 25:1
  • +2Dt 5:13

1 Ditiragalo 13:10

Ditshupiso

  • +Dip 4:15
  • +Lef 10:1, 2

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    2/1/2005, ts. 26-⁠27

1 Ditiragalo 13:11

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “a kgopisega.”

  • *

    Mo go kayang “Go Galefela Usa.”

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    10/1/2005, ts. 11

1 Ditiragalo 13:12

Ditshupiso

  • +2Sa 6:9-11

1 Ditiragalo 13:14

Ditshupiso

  • +Ge 30:27; 39:5

Ditemana Tse dingwe

1Ditir. 13:11Dt 15:25
1Ditir. 13:2Dip 35:2
1Ditir. 13:31Sa 7:2
1Ditir. 13:31Sa 14:18
1Ditir. 13:5Dip 34:2, 8
1Ditir. 13:51Sa 6:21-7:1; 2Sa 6:1, 2; 1Dt 15:3
1Ditir. 13:6Jos 15:9, 12
1Ditir. 13:6Ek 25:22; Dip 7:89; 1Sa 4:4; 2Sa 6:2
1Ditir. 13:7Ek 37:5
1Ditir. 13:72Sa 6:3-8
1Ditir. 13:8Ek 15:20
1Ditir. 13:81Dt 25:1
1Ditir. 13:82Dt 5:13
1Ditir. 13:10Dip 4:15
1Ditir. 13:10Lef 10:1, 2
1Ditir. 13:122Sa 6:9-11
1Ditir. 13:14Ge 30:27; 39:5
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
  • 1
  • 2
  • 3
  • 4
  • 5
  • 6
  • 7
  • 8
  • 9
  • 10
  • 11
  • 12
  • 13
  • 14
Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
1 Ditiragalo 13:1-14

Ditiragalo wa Ntlha

13 Dafide o ne a buisana le dikgosana tsa dikete le tsa makgolo le baeteledipele botlhe.+ 2 Go tswa foo, Dafide o ne a raya phuthego yotlhe ya Iseraele a re: “Fa go bonala go le molemo mo go lona e bile go amogelesega mo go Jehofa, Modimo wa rona, a re romeleng molaetsa kwa go bomorwarraarona ba ba setseng mo dikgaolong tsotlhe tsa Iseraele le kwa baperesiting le kwa Balefing kwa metseng ya bone+ e e nang le mafulo gore ba tle mo go rona. 3 Mme a re yeng go tsaya Letlole+ la Modimo wa rona gore le tle kwano mo go rona.” Gonne ba ne ba sa le tlhokomele mo motlheng wa ga Saulo.+ 4 Phuthego yotlhe e ne ya dumela gore go dirwe jalo, ka gonne batho botlhe ba ne ba bona seo se siame. 5 Ka jalo, Dafide o ne a phutha Iseraele yotlhe, go simologa kwa nokeng* ya Egepeto go ya go fitlha kwa Lebo-hamathe,*+ gore Letlole la Modimo wa boammaaruri le ye go tsewa kwa Kiriathe-jearime.+

6 Dafide le Baiseraele botlhe ba ne ba ya kwa Baala,+ kwa Kiriathe-jearime wa Juda, ba ya go tsaya Letlole la Modimo wa boammaaruri, e bong Jehofa, yo o ntseng fa godimo ga* ditšheruba,+ kwa leina la gagwe le bidiwang gone. 7 Le fa go ntse jalo, ba ne ba pega Letlole la Modimo wa boammaaruri mo kareng e ntšha+ mme ba le ntsha mo ntlong ya ga Abinadabe, mme Usa le Ahio ba ne ba eteletse kara eo pele.+ 8 Dafide le Baiseraele botlhe ba ne ba bina fa pele ga Modimo wa boammaaruri ka maatla otlhe a bone, ba opela, ba letsa diharepa, diletswa tse dingwe tsa megala, meropana,+ disemebala+ le diterompeta.+ 9 Le fa go ntse jalo, fa ba goroga kwa seboaneng sa ga Kidone, Usa o ne a ntsha seatla a bo a tshwara Letlole, ka gonne dikgomo di ne di batlile di le menola. 10 Foo bogale jwa ga Jehofa bo ne jwa tukela Usa, mme Modimo o ne a mmolaya ka gonne a ne a tshwere Letlole,+ mme o ne a swela foo fa pele ga Modimo.+ 11 Le fa go ntse jalo, Dafide o ne a galefa* ka gonne Jehofa a ile a galefela Usa fela thata; mme lefelo leo le ntse le bidiwa Perese-usa* go fitlha mo letsatsing leno.

12 Ka jalo, Dafide o ne a boifa Modimo wa boammaaruri mo letsatsing leo mme a re: “Ke tla tlisa jang Letlole la Modimo wa boammaaruri kwa go nna?”+ 13 Dafide ga a ka a isa Letlole kwa a neng a nna gone kwa Motseng wa ga Dafide, mme o ne a laela gore le isiwe kwa ntlong ya ga Obede-edoma wa Mogathe. 14 Letlole la Modimo wa boammaaruri le ne la nna le ba lelapa la ga Obede-edoma, la tswelela le le kwa ntlong ya gagwe dikgwedi di le tharo, mme Jehofa o ne a nna a segofatsa ba lelapa la ga Obede-edoma le sotlhe se a neng a na le sone.+

Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
Tswa
Tsena
  • Setswana
  • Romela
  • Tse O ka Di Tlhophang
  • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
  • Melawana ya Tiriso
  • Molawana wa Tshireletsego
  • Di-setting Tsa Websaete
  • JW.ORG
  • Tsena
Romela