LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • Esekiele 14
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

Dintlha Tsa Esekiele

      • Medingwana e a kgalwa (1-11)

      • Ruri Jerusalema e tla atlholwa! (12-23)

        • Noa, Daniele le Jobe ke banna ba ba siameng (14, 20)

Esekiele 14:1

Ditshupiso

  • +Esk 33:30, 31

Esekiele 14:3

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Polelwana eno ka Sehebera e ka tswa e amana le lefoko le le kayang “boloko” mme e dirisitswe e le go bontsha letlhoo.

Ditshupiso

  • +2Dk 3:13; Isa 1:15; Jer 11:11

Esekiele 14:5

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “ke tla tshwara ba ntlo ya Iseraele mo pelong ya bone.”

Ditshupiso

  • +Jer 2:5

Esekiele 14:6

Ditshupiso

  • +Isa 55:7

Esekiele 14:7

Ditshupiso

  • +Jer 21:1, 2; Esk 33:31

Esekiele 14:8

Ditshupiso

  • +Lef 20:2, 3

Esekiele 14:9

Ditshupiso

  • +1Dk 22:21, 22; Jer 4:10; 2Bt 2:10, 11

Esekiele 14:11

Ditshupiso

  • +Jer 24:7; Esk 11:19, 20

Esekiele 14:13

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “ke roba dithobane tsa lone tsa senkgwe.” Gongwe go tewa dithobane tse di neng di dirisediwa go baya senkgwe.

Ditshupiso

  • +Lef 26:26
  • +Isa 3:1; Jer 15:2
  • +Jer 7:20

Esekiele 14:14

Ditshupiso

  • +Ge 6:8, 9; Bah 11:7
  • +Dan 10:11
  • +Job 1:8; 42:8
  • +Dia 11:4; Jer 15:1; 2Pe 2:9

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    5/2016, ts. 30-⁠31

    Tsogang!,

    4/2009, ts. 26

Esekiele 14:15

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “di bo di le amoga bana.”

Ditshupiso

  • +Lef 26:22; Jer 15:3

Esekiele 14:17

Ditshupiso

  • +Lef 26:25; Jer 25:9; Esk 21:3
  • +Sfn 1:3

Esekiele 14:19

Ditshupiso

  • +Dut 28:21, 22

Esekiele 14:20

Ditshupiso

  • +Ge 7:1
  • +Dan 10:11
  • +Job 1:8; 42:8
  • +Esk 18:20; Sfn 2:3

Esekiele 14:21

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “ditiro tsa me tsa katlholo tse nnê tse di utlwisang botlhoko.”

Ditshupiso

  • +Jer 15:2
  • +Esk 5:17; 33:27
  • +Jer 32:43

Esekiele 14:22

Ditshupiso

  • +Dut 4:31; 2Dt 36:20; Esk 6:8; Mik 5:7

Esekiele 14:23

Ditshupiso

  • +Neh 9:33; Jer 22:8, 9; Esk 9:9; Dan 9:7

Ditemana Tse dingwe

Esek. 14:1Esk 33:30, 31
Esek. 14:32Dk 3:13; Isa 1:15; Jer 11:11
Esek. 14:5Jer 2:5
Esek. 14:6Isa 55:7
Esek. 14:7Jer 21:1, 2; Esk 33:31
Esek. 14:8Lef 20:2, 3
Esek. 14:91Dk 22:21, 22; Jer 4:10; 2Bt 2:10, 11
Esek. 14:11Jer 24:7; Esk 11:19, 20
Esek. 14:13Lef 26:26
Esek. 14:13Isa 3:1; Jer 15:2
Esek. 14:13Jer 7:20
Esek. 14:14Ge 6:8, 9; Bah 11:7
Esek. 14:14Dan 10:11
Esek. 14:14Job 1:8; 42:8
Esek. 14:14Dia 11:4; Jer 15:1; 2Pe 2:9
Esek. 14:15Lef 26:22; Jer 15:3
Esek. 14:17Lef 26:25; Jer 25:9; Esk 21:3
Esek. 14:17Sfn 1:3
Esek. 14:19Dut 28:21, 22
Esek. 14:20Ge 7:1
Esek. 14:20Dan 10:11
Esek. 14:20Job 1:8; 42:8
Esek. 14:20Esk 18:20; Sfn 2:3
Esek. 14:21Jer 15:2
Esek. 14:21Esk 5:17; 33:27
Esek. 14:21Jer 32:43
Esek. 14:22Dut 4:31; 2Dt 36:20; Esk 6:8; Mik 5:7
Esek. 14:23Neh 9:33; Jer 22:8, 9; Esk 9:9; Dan 9:7
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
  • 1
  • 2
  • 3
  • 4
  • 5
  • 6
  • 7
  • 8
  • 9
  • 10
  • 11
  • 12
  • 13
  • 14
  • 15
  • 16
  • 17
  • 18
  • 19
  • 20
  • 21
  • 22
  • 23
Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
Esekiele 14:1-23

Esekiele

14 Mme bagolwane bangwe ba Iseraele ba ne ba tla kwa go nna ba bo ba nna fa fatshe fa pele ga me.+ 2 Foo Jehofa o ne a nthaya a re: 3 “Morwa motho, banna bano ba ikemiseditse go latela medingwana ya bone e e ferosang sebete,* e bile ba beile sengwe se se kgopang se se dirang gore batho ba leofe. A ke tshwanetse go ba araba fa ba botsa?+ 4 Jaanong bua le bone mme o ba reye o re, ‘Seno ke se Morena Molaodimogolo Jehofa a se buang: “Fa Moiseraele a ikemiseditse go sala medingwana ya gagwe e e ferosang sebete morago e bile a baya sengwe se se kgopang se se dirang gore batho ba leofe, go tswa foo a bo a tla go botsa moporofeti, nna Jehofa, ke tla mo araba ka tsela e e tshwanetseng, go dumalana le medingwana ya gagwe e mentsi e e ferosang sebete. 5 Gonne ke tla dira seno gore batho ba Iseraele ba boife,* ka gonne botlhe ba ntlogetse mme ba setse medingwana ya bone e e ferosang sebete morago.”’+

6 “Ka jalo, raya batho ba Iseraele o re, ‘Seno ke se Morena Molaodimogolo Jehofa a se buang: “Boelang mo go nna mme lo tlogele medingwana ya lona e e ferosang sebete e bile lo tlogele ditiro tsotlhe tsa lona tse di makgapha.+ 7 Gonne fa Moiseraele kgotsa motswakwa yo o nnang mo Iseraele a ntlogela mme a ikemiseditse go sala medingwana ya gagwe e e ferosang sebete morago e bile a baya sengwe se se kgopang se se dirang gore batho ba leofe, go tswa foo a bo a tla go botsa moporofeti wa me,+ nna Jehofa, ke tla mo araba ka bonna. 8 Ke tla galefela motho yoo ke bo ke dira gore a nne sesupo se se tlhagisang le sekai, e bile ke tla mo kgaola mo bathong ba me;+ mme lo tla tshwanelwa ke go itse gore ke nna Jehofa.”’

9 “‘Le fa go ntse jalo, fa e le gore moporofeti yoo o a tsietsega a bo a araba, moporofeti yoo o tla bo a tsieditswe ke nna Jehofa.+ Foo ke tla mo otlololela seatla sa me ke bo ke mo nyeletsa mo bathong ba me ba Iseraele. 10 Ba tla tshwanelwa ke go rwala molato wa bone; molato wa yo o botsang o tla tshwana fela le molato wa moporofeti, 11 gore batho ba Iseraele ba tle ba tlogele go katogela kgakala le nna e bile ba tlogele go iteswafatsa ka maleo otlhe a bone. Ba tla nna batho ba me, mme nna ke tla nna Modimo wa bone,’+ go bua Morena Molaodimogolo Jehofa.”

12 Mme Jehofa o ne a bua le nna gape a re: 13 “Morwa motho, fa lefatshe le nteofela ka go dira dilo ka go sa ikanyege, ke tla le otlololela seatla sa me ke bo ke senya mabolokelo a lone a dijo,*+ e bile ke tla romela leuba mo go lone+ ke bo ke fedisa batho le diphologolo mo go lone.”+ 14 “‘Tota le fa banna bano ba bararo: Noa,+ Daniele+ le Jobe,+ ba ne ba le mo go lone, ba ne ba tla ipoloka ba le nosi fela ka gonne ba siame,’+ go bua Morena Molaodimogolo Jehofa.”

15 “‘Kgotsa mma re re ke dira gore dibatana tse di bogale di ralale lefatshe di bo di bolaya batho ba ba mo go lone* mme di dira gore le sale le kgakgabetse go se na ope yo o le ralalang ka ntlha ya dibatana tseno,+ 16 ke ikana ka nna,’ go bua Morena Molaodimogolo Jehofa, ‘tota le fa banna bano ba bararo ba ne ba le mo go lone, ba ne ba se kitla ba boloka barwa ba bone kgotsa barwadi ba bone; ba ne ba tla ipoloka ba le nosi fela, mme lefatshe le ne le tla kgakgabala.’”

17 “‘Kgotsa mma re re ke tlisa tšhaka mo lefatsheng+ leo ke bo ke re: “A tšhaka e ralale lefatshe,” mme e bo e bolaya batho ba ba mo go lone mmogo le diphologolo,+ 18 tota le fa banna bano ba bararo ba ne ba le mo go lone, ke ikana ka nna,’ go bua Morena Molaodimogolo Jehofa, ‘ba ne ba se kitla ba boloka barwa ba bone kgotsa barwadi ba bone; ba ne ba tla ipoloka ba le nosi fela.’”

19 “‘Kgotsa mma re re ke romela bolwetse jwa leroborobo mo lefatsheng leo+ e bile ke tshololela tšhakgalo ya me mo go lone ke baka loso gore ke fedise batho le diphologolo mo go lone, 20 tota le fa Noa,+ Daniele+ le Jobe+ ba ne ba le mo go lone, ke ikana ka nna,’ go bua Morena Molaodimogolo Jehofa, ‘ba ne ba se kitla ba boloka barwa ba bone kgotsa barwadi ba bone; ba ne ba tla ipoloka ba le nosi fela ka gonne ba siame.’”+

21 “Gonne seno ke se Morena Molaodimogolo Jehofa a se buang: ‘Go tla nna fela jalo fa ke romela dikatlholo tsa me tse nnê,*+ e leng tšhaka, leuba, dibatana tse di bogale le bolwetse jwa leroborobo,+ mo Jerusalema gore ke fedise batho le diphologolo mo go yone.+ 22 Le fa go ntse jalo, bangwe ba ba tla salang mo Jerusalema ba tla falola ba bo ba ntshiwa mo go yone,+ barwa mmogo le barwadi. Ba tla tla mo go lona, mme fa lo bona tsela e ba itshwarang ka yone le dilo tse ba di dirang, ruri lo tla tlhaloganya lebaka la go bo ke tlisitse masetlapelo ano mo Jerusalema, le lebaka la go bo ke dirile dilo tseno tsotlhe mo go yone.’”

23 “‘Lo tla tlhaloganya fa lo bona tsela e ba itshwarang ka yone le dilo tse ba di dirang, mme lo tla itse gore go ne go na le lebaka la go bo ke dirile se ke neng ke tshwanetse go se dira,’+ go bua Morena Molaodimogolo Jehofa.”

Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
Tswa
Tsena
  • Setswana
  • Romela
  • Tse O ka Di Tlhophang
  • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
  • Melawana ya Tiriso
  • Molawana wa Tshireletsego
  • Di-setting Tsa Websaete
  • JW.ORG
  • Tsena
Romela